Sabokone o tshegeditse ngwao
23 Aug 2018
Batswana bangwe ba itumile sekgono go tswelela ba dira dingwe ditiro tse di ka tshegetsang ngwao e ba tlholegileng ka yone.
Mongwe wa go nna jalo ke Mme Gaontebale Sabokone, yo o dingwaga tse di masome a supa le borataro wa Tonota mo kgotleng ya Molebatsi.
Mme Sabokone o inaakantse le go bopa difalana tse di dirisiwang go boloka thobo e akaretsa mabele, mmidi, lebelebele, le tse dingwe ka go farologana.
O dira se e le go tshegetsa mengwe mekgwa ya ngwao le gone go sedimosetsa basha ka fa ba neng ba tshela ka teng pele ga diphetogo tsa sesha.
Mo potsolotsong le BOPA, o tlhalositse fa a bopa difalana tseo ka boloko jwa dikgomo a bo tswakanya le molora wa leiso gore di seka tsa thubega motlhofo.
A re molora wa leiso le boloko di thusa go thibela diji di tshwana le tshupa le tse dingwe tse di farologaneng go baka tshenyo mo thobong.
Mme Sabokone a re difalana tse di ne di tsaya lobaka lo lo leele di le mo tirisong mme gape di boloka thobo ka nako e telele kgotsa go fitlha paka e nngwe ya thobo.
A re tiro e ya go bopa difalana o sale a e dira go tswa bogologolo, a re e re ntswa go setse go atile mekgwa ya sesha ya go boloka mabele, ene o santse a tshegeditse mokgwa wa tiriso ya sefalana.
Gape a re go boloka mabele mo sefalaneng go mo rotloetsa go a thuga ka kika le motshe seo gape e bo e le tsela e e rotloetsang go itshidila mmele.
Mme Sabokone a re e re ntswa go bopa difalana a go dira ka maikaelelo a go tshegetsa ngwao, se jaanong e setse e le kgwebo e e mo thusang go bona letseno.
A re le fa thobo e sa tlhole e le kalo fa go tshwantshangwa le dipaka tse di fetileng, Batswana bone ba supa kgatlhego go dirisa difalana tse mo mererong ya mekgabisa mo malapeng, ka jalo ba a di reka fela mo go kgatlhisang.
Mme Sabokone o supile fa gape a tsaya karolo mo ditshupong tsa temo thuo gone kwa Tonota mme a nne a tswe ka tse di tsididi.
Go sale foo, a re e re ntswa go tshelelwa mo sesheng e bile go le matshwanedi gore go dirwe dilo ka metlhale ya sesha, dingwe ditiro tse di tlotlomatsang e bile di tshegetsa ngwao ya Batswana di tshwanelwa ke go diragadiwa.
A re ngwao ke yone e e ka thusang Batswana go itsaya motlhala e bile go ka thusa basha go itse le go tlhaloganya ka ditso le tlholego ya Batswana.
Mme Sabokone o gakolotse bomolemo jwa gore mabutswapele ba di goge kwa pele tebang le go rotloetsa ditiro tsa ngwao ka jaana ba na le kitso e e nitameng.
Sengwe se se kgatlhisang ka ene ke botlhaga jwa gagwe, le ntswa dingwaga tsa gagwe tsone di setse di ile, mme se supa gore ke Motswana wa sekei e bile ga a dumele gore motho o ka nna fela ka diatla ntswa a tsogile sentle.
O bile gape a re botsofe ga e a tshwanela go nna legotlho la gore motho a sa itirele metswedi ya itshetso fela sentle.
Sengwe se gape a se dirang ntle le go bopa difalana, ke go loga ditlatlana tse le tsone di beelediwang di santse di le mo matsogong a gagwe.
Mme Sabokone a re ditiro tsa ngwao ka bontsi di rotloetsa tiriso ya diatla, se se ka fa batho sebaka sa go itshetsa, a re metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi e bile phokoje go tshela yo o dithetsenyana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : TONOTA
Event : Potsolotso
Date : 23 Aug 2018



