Breaking News

Baikopedi ba lenaneo la kago ba atlegile

23 Aug 2018

Baikopedi ba lenaneo la kago ya matlo ba ka feta masome a mararo go tswa kwa dikgaolong tsa bopalamente di le tlhano, ba segofetse morago ga go ema dingwaga di fera bobedi ba ntse ba lebile tsela go bilediwa dikopo tsa bone. 

Go ya ka tsamaiso ya khansele-potlana ya Palapye, ngwaga mongwe le mongwe wa madi, go tlhophiwa batho ba le lesome go tswa mo kgaolwaneng nngwe le nngwe ya mopalamente go thusiwa ka lenaneo la kago ya matlo le le tlwaelesegileng ka Turn Key, le puso e le tshwaraganetseng le Botswana Housing Corporation (BHC). 

Lenaneo le, le tswa kgakala le thusa Batswana ka bonno, maikalelo magolo e le go ba fa seriti gore le bone ba ikutlwe e le Batswana ba ba feletseng ka go nna le se sa bone.

E ne ya re dinako di ntse di tsamaya, puso ya le sekaseka mme ya tsenya setlhopha se sengwe sa badirela puso ba dituelo tse di fa godingwana tsa D4 go ya tlase. 

Ba ba tsentsweng bosheng ba D4 go ya tlase bone go tsewa ba le bararo go tswa mo kgaolong ya bopalamente nngwe le nngwe mo gotse tlhano, mme ga ba eme lobaka ka ba thusiwa ngwaga mongwe le mongwe wa madi, gape ga ba palo ntsi jaaka ba lenaneo la mongwe le mongwe la Turnkey. 

Go tswa ka 2010, khansele-potlana ya Palapye e ne ya amogela dikopo di le 517 go fitlha gampieno go tswa mo dikgaolong tsa bopalamente di le tlhano, mo go tsone 247 e le ba kgaolo ya Palapye fela ba mo nakong eno go thusitsweng ba le some. 

E rile a bua mo thutuntshong e e neng e rulagantswe ke khansele-potlana ya Palapye go tla go tlhatlhelela ba ba biditsweng go tla go tsena mo ditumelanong le khansele ka tsa kago ya matlo, modulasetilo wa komiti ya SHHA mokhanselera wa Mmaphula bogare, Rre Molefane Tseladikae a tlhalosa fa e le maikaelelo a bone go rutuntsha ba ba tlhophilweng pele ba tsena mo ditumelanong gore ba itse ka botlalo se lenaneo le se rerang. 

A re go molemo go itse bomolemo le bomaswe jwa lenyalo le motho a tseneng mo go lone le khansele dingwaga di le 20 tsa dituelo tsa lenaneo leo. 

A re go tlhokega gore ba itse gore madi ao ke a kadimo, ditsha di bo di teratetswe, di na le metsi, dithuto tsa kago ke boikarabelo jwa bone e le beng ba ditsha le gore fa baagi ba sa dire mo go tshwanetse ke bone ba tswanetseng go tsaya dikgato ka go ikgolaganya le BHC ba e leng bone ba laolang beng ba dikonteraka. 

E rile a tswa la gagwe mookamela lekalana la matlo, Mme Keabetswe Ramakgwa a tlhalosa fa lenano leo le okeditse madi go tswa mo go P60 000 go ya kwa go P90 000 morago ga go lemoga fa ditlhotlhwa di palame. 

A re madi ao a solofelwa go busiwa mo dingwageng tse 20 ka dituelo tsa P375 ka kgwedi. Mme Ramagwa a re seo ga se itse gore fa moikopedi a kgona, o ka fetsa pele ga dingwaga tseo mme a kopa tirisano mmogo le go sela dituelo tsa lenaneo leo morago go itsa dikgotlhang.

Motlhatlhobi wa dikago go tswa kwa BHC, Rre Kgoberego Nthusang o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga modulasetilo, a tlhalosa fa a solofela go fitlhela setsha go sa agiwa sepe mo go sone, fa ese terata le metsi, mabeelo a dithoto tsa kago le gore se bo se epilwe ditlhare fela. 

A re ba na le mealo e le mebedi fela, o o tswetsweng le o o bulegileng go ya ka boitseanape jwa bone jwa dikago.

A re moikopedi o neelwe dilotlolo tsa ntlo ya gagwe fela fa e sena go wela, e tsentswe sengwe le sengwe kwa ntle ga kgokelo ya motlakase fela.

Ba madi le bone ba ne batlhalosa ka fa dituelo di solofetsweng ka teng gore ba buse madi ao ka ke one a thusang bao ba ba letletseng go thusiwe kafa tlasa ga lenaneo leo, mme fa motho a tudisa golefisiwa lesome mo lekgolong la madi a a duelang ka kgwedi.

Go ne ga tlhalosiwa fa dituelo di ka dirwa ka seatla, ka go diposita mo akhaonteng ya khansele kana ka go gogiwa mo dituelong tsa moikopedi, fela fa ele modirela puso, ba ba mo madirelo a a ikemetseng bone ba ka dirisa methale e mebedi fela wa banka kana letsogo. Bontsi jwa baikopedi e leng banana ba ba ne ba akgola se. 

Kgang kgolo ya baikopedi e ne e le gore a go sekasekiwe gore mealo eo e a tlhabololwa ka e setse e siilwe ke nako le gore go sekasekwe gore fa motho a ne a setse a amogetswe, go bo go fitlhwela a setse a ne a agile a thusiwe go tokafatsa bonno go na le gore a simolole go kopa sesha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Ithutuntsho

Date : 23 Aug 2018