Breaking News

Ba isa malebogo

23 Aug 2018

Lelwapa loora Race kwa Tonota, le le neng la makatsa ba le bantsi fa le segofadiwa ka mawelana a barwa a le bane bosheng, ba re ba lebogela kemo nokeng e ba tsweletseng go e fiwa ke puso le setshaba ka kakaretso.

Mafoko a malebo a builwe ke mmaagwe motsetsi, Mme Ledoba Race.

Mme Pego Race o ba belegetse bana bao kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown.

Mme Race o ne a bua jaana jaaka morafe wa Tonota, bagwebi ba ba direlang mo motseng oo ga mmogo le ba-na-le seabe ka go farologana ba agela masea ao ntlo gape ba tsweletse ka go lere tsotlhe tse di tlhokegang go ka tlamela masea le mmaaone.

Ntlo e e agIwang ke ya dikamore tse pedi le sephato mme e dirwa ka fa tlase ga mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Thapelo Olopeng Foundation, mme maikaelelo ke gore ntlo e e bo e fedile mo lebakeng le le sa fediseng pelo.

Dingwe tsa botlhokwa tse ba tsweletseng ka go di amogela ke melora, dijo le tse dingwe, mme Mme Race o supa fa ba leboga Modimo godimo ga tsotlhe go bo a segofaditse lelwapa la gagwe ka masea ao.

“Go tsholwa ga bana ba le bane nako e le nngwe fela ke tshegofatso e kgolo e bile ga se tiragalo e e tlwaelesegileng, ka jalo re itumetse e bile re amogetse ka tsoo pedi,” a bua ka monyenyo.

Maina a masea ke Tshimologo, Tshenolo, Tshiamo le Tsholofelo mme a tlhalosa fa a kaya gore tshimologo le tshenolo ya dilo tse di siameng e setse e gorogile mo lapeng la bone mme ebile gape seo se ke tsholofelo ya gore  ba tla tswelela ba tshela ka boitumelo.

Masea a a dira gore palo yotlhe ya bana ba ga Mme Pego e nne lesome, basetsana ba le bane le basimane ba le barataro.

Nkuku o ne a re ntle le dithuso tse di tswang mo setshabeng, ne go ka nna morwalo o o ngomolang pelo go ka tlamela bana ba ka jaana ba bangwe le bone ba santse ba le dingwaga tse di ko tlase.

Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Olopeng o ne a akgola mowa wa tshwaragano le bopelotlhomogi o Batswana ba o supileng tebang le go fa boo Ra Race dithuso tse di maleba.

A re e ne ya re go utlwa mokgosi o, mokgatlho wa gagwe wa ikgolaganya le bagwebi le ba na le seabe ka go farologana ka tsebe ya maranyane ya Facebook go kopa dithuso ka go farologana.

Rre Olopeng a re dithuso tse ba setseng ba di amogetse di a nametsa, e bile bontlha bongwe jwa tsone ba bo dirisetse go gokela metsi le go aga ntlwana ya boiteketso.

O bile a supa fa ba setse ba simolotse go aga ntlo e bile a supa gape gore dithuso tsotlhe di tlaa dirisiwa ka tsela e e nitameng e bile e na le motlhala o o mo pontsheng.

Go sale foo, Rre Olopeng o galaleditse Batswana go bo ba santse ba tsaya dikgang tsa bopelotlhomogi ka tlhoafalo.

A re e re ntswa puso e dira ka gotlhe e bile e intshitse setlhabelo tebang le dikgang tsa bopelotlhomogi, tshwaragano ya mhama o o ikemetseng le yone e botlhokwa ka jaana seo se ka lere maduo.

Tona Olopeng o bile a re se Batswana ba se dirileng se tlaa godisa  lorato le kutlwelobotlhoko o o tswang goo-Lowe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TONOTA

Event : Kago ya Ntlo

Date : 23 Aug 2018