Bomme ba kgothadiwa go tsena mo dikgwebong
23 Aug 2018
Mme Talita Monnakgotla yo e leng mogwebi, o gwetlhile bomme go itshimololela dikgwebo le gone gore ba ikamanye le mekgatlho e e rutang ka tsa kgwebo ka jaana a re seo se ka ba thusa go nna le dikitso tse di nonofileng go ka tsamaisa dikgwebo tsa bone gore di itsetsepele mo diemong ka go farolgana.
O buile jaana kwa sekoleng se sebotlana sa Makgakgane Primary School bosheng jaaka a ne a kgothatsa bomme ba thapelo ba kereke ya African Methodist Episcopal (A.M.E).
Bomme ba kereke ya A.M.E ba ne ba abela bana ba sekole sa Makgakgane P ba Special Unit dimpho di akaretsa dikopi tsa tee, dibeisane tse di jelang, ketlele ya Ern le tse dingwe.
Mme Monnakgotla a re bomme ka tlholego ke batho ba ba lorato thata, ka jalo o ne a ba kgothatsa go dirisa lorato loo mo go tsamaiseng mekgatlho ga mmogo le dikgwebo tse ba leng mo go tsone ka go farologana go ntsha maduo a a nametsang.
Mma Monnakgotla o iteetse kereke eo legofi gore e nnile sekao mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka jaana a re seo se rurifadiwa ke tshimologo ya yone go tswa kwa lefatsheng la Amerika.
O tlhalositse fa kereke ya A.M.E e thailwe ke batho bantsho kwa Amerika ka 1787, ba le kgatlhanong le kgethololo ka lotso le mmala ga mmogo le go gatakwa ga ditshwanelo tsa bone tsa tumelo.
A re ka nako eo, batho bantsho e ne e le makgoba mme bontsi jwa bone ba sa itsholela jaaka basweu ba lefatshe leo, mme a tlatsa ka gore kereke eo e heletse e goroga le mo lefatshing leno ka ngwaga wa 1900 mme ebile e setse aname lefatshe leno ka bophara.
A re e re ntswa puso e tsweletse ka go gwetlha le go rotloetsa Batswana go itseela dikole go di thusa, a re mo nakong ya gompieno o lemogile fa dikereke le mekgatlho ya bomme ka go farologana ba utlwile mokgosi mme ba tsaya boikarabelo.
A re go a itumedisa ka jaana go supa fa ba tsaya thuto ka tlhoafalo ka jaana e le jone boswa jwa sennela ruri, jo motho a ka seke a bo amogwe ke ope.
O ne a tlhalosa fa bomme ba kereke eo ba supile fa ba tsere tshwetso ya go itlhophela sekole gongwe le gongwe kwa ba tshwarelang bokopano teng go se abela.
Mme Monnakgotla a re ka 2016 ba ne ba abela bana ba sekole se sebotlana sa Bothakga kwa Lobatse fa ngogola ba ne ba le kwa Dream Centre kwa Tlokweng, mme ya re ka Seetebosigo monongwaga ba ne ba abela sekole sa Kgaphamadi kwa Ghanzi.
O ne a ba gwetlha gore ba seka ba ipona tsapa mme ba tswelele ka mowa oo wa bojammogo, ka jaana ba thusa babusi ba kamoso ba lefatshe leno, mme a ba segofatsa ka mafoko a a molemo go tswa mo lokwalong lo lo boitshepo lwa ga Deteronomi 15 temana 10.
Mme Monnakgotla o ne a abela sekole seo madi a a ka tshwarang makgolo a marataro a dipula.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa bomme ba kereke ya A.M.E lefatshe leno ka bophara, Mme Khumo Jankie o ne a tlhalosa fa ba tshwaretse bokopano jwa bone mo Hukuntsi, mme jaaka e le tlwaelo kwa ba tshwarelang bokopano jwa phuthego ngwaga le ngwaga teng ba abela sekolo sengwe mo tikologong dimpho.
Mme Jankie o tlhalositse fa ba tswa kgakala ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka jaana a supa fa ka dingwaga tsa 2012 le 2015 ba ne ba aba dipudi le dikoko, mme a re seo, se ntse se tsweletse.
A re ba itsheegile ka makalana a le mane a ka one ba tsamaisang mokgatlho o wa bomme ba thapelo.
A re lekalana la ntlha ke le le tsamaisang mokgatlho e bile le okametse ditiro tsotlhe tsa mokgatlho oo, fa lekalana la bobedi e le le itebagantseng le tsa dithuto, le go rutuntsha bomme ka tumelo ya Sekeresete, matshelo mo gae ga mmogo le tsa botsogo.
O supile fa la boraro e le le le itebagantseng le go ngokela maloko mo mokgatlhong fa lekalana la bone e le la Sekeresete, tirisanyo mmogo le sechaba.
A re lekalana leo gape le itebagantse le letshego la mafatshefatshe le le buang ka thuto, mme ba sa tlogele kwa morago, letshego la setshaba la tebelelopele ya setshaba ya 2016 le le buang ka tshaba e e kutlwelobotlhoko ebile e kgathala ka matshelo a batho ba ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Molatole
Location : HUKUNTSI
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 23 Aug 2018



