Kgari Sechele o a ipela
23 Aug 2018
Moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome marataro sekole se segolwane sa Kgari Sechele kwa Molepolole se ntse se le teng o tlaa tshwarwa Lwetse a le lesome le bone.
Go solofetswe gore moletlo o thuse go tsholetsa serodumo sa tirisanyo mmogo mo thutong.
Mo potsolotsong le mogokgo wa sekole seo, Rre Lapologang Kolagano yo o kaileng fa ba beile kwa pele mowa wa tirisanyo mmogo le tshwaragano go thusa gho tokafatsa maduo a sekole.
O supile fa ba dumela gore fa tshwaragano e le teng fa gare ga sekole, batsadi le ba-na-le seabe jaaka baithuti ba pele go ka rotloetsa baithuti go tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo.
Rre Kolagano o ne a tlhalosa fa ba tsweletse ka dithulaganyo tsa go baakanyetsa moletlo oo.
A re mephato ya pele ya bana ba ba kileng ba tsena mo sekoleng seo e ne ya itlama go ntsha P10 000 mophato mongwe le mongwe.
A re mo nakong eno ba setse ba kokoantse P80 000.
A re methale e mengwe ya go kokoanya madi e ntse e tsweletse, jaaka moletlo wa dijo oo o tlaa tshwarwang kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano.
O ne a supa fa bosheng ba ne ba le mo thulaganyong ya go sela matlakala mo dikgotlaneng tse di dikologileng sekole tsa Borakalalo, Lekgwapheng le Goo-Ntloedibe ba rotloediwa ke kompone ya Sani Care ee ba abetseng kgomo ya moletlo.
A re ba seromamowa sa Duma Fm ba itlamile go ba rotloetsa ka ipapatso ya madi a a fetang P32 000, mme a re batsadi le barutabana le badiri ba sekole le bone ba itlamile go ntsha lemmenyana.
Rre Kolagano a re Kgari Sechele o sale a tlhomilwe ka 1958 mme o simologile go tsenelwa fa sekoleng se sebotlana sa Kealeboga.
A re fa se sale se tlhamilwe se ntshitse baithuti ba ba nnileng le seabe mo tsamaisong ya lefatshe leno mo maemomg a a kwa godimo a puso.
Rre Kolagano o kopile Bakwena le Batswana ka kakaretso go ba tshologa mokgosi go thusa ka megopolo le dikakanyo go dira moletlo wa selebego se se eletsegang.
O ne a tswelela ka go rotloetsa Bakwena go tsenya letsogo mo go baakanyetseng moletlo a supa fa e le bone ba tshwanetseng go nna le letsogo le le bonalang gore thuto ya bana ba bone e tokafale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 23 Aug 2018



