Breaking News

Thuo ya dintsa e na le maduo

22 Aug 2018

Thuo ya dintsa e ka nna kgwebo fela e e ka tshetsang Motswana yo o nang le lorato mo dintseng. 

Se se builwe ke Rre Best Mereyotlhe mo potsolotsong le BOPA, a supa fa dintsa di le bogadi bogaufi fela fa di bona tlhokomelo e e maleba.

Rre Mereyotlhe yo e leng ene mosimolodi wa motshameko wa go tlhoma ga dintsa o o neng o tshwerwe bosheng mo Palapye a re go botlhokwa gore barui ba mefuta yotlhe ya dintsa ba ipope ba nne seopo sengwe mme ba dire mokgatho o mo go one ba tlaa gakololanang le go fana maele ka tlhokomelo ya seruiwa se.

“Maitemogelo a me ke gore barui ba dintsa ba a di latlhelela, bangwe ga ba di fe le fa ele tsone dijo mme ntswa ba solofela gore seruiwa se se ba sireletse ka nako tsotlhe.

A re go botlhokwa gore dintsa di tlhokomelwe gore le tsone di lemoge fa di lemotshega mo malwapeng, ka jalo fa barui ba ipopile ba le seopo sengwe ba ka fana maele a tlhokomelo ya seruiwa se.

O ne a tlhalosa gore fela jaaka seruiwa sengwe le sengwe, ntsa e ka ruelwa go itshetsa.

A re fa e tlhokomelwa sentle e ka ngoka bareki mme e fe mong wa yone letseno. Rre yo o ruileng dintsa tsa mofuta wa Bull Dog, a re ene ntswa e le morutabana, o na le lorato lo lo golo mo dintseng e bile o ngomoga pelo thata fa a bona seruiwa se se tsewa ka tsela nngwe.

O supile fa a kgona go rekisa ntsa madi a a kanang ka dikete tse nne mme bareki ba seke ba ngongorege ka jaana ea bo e kgatlhisa e bile e itekanetse.

Rre Mereyotlhe o tsweletse ka go tlhalosa gore tlhokomelo ya dintsa e akaretsa le gone go netefatsa gore ntsa e tsere mekento ee maleba ka nako tsotlhe go tila malwetse gammogo le pabalesego ya morui le batho ka kakaretso.

A re fela jaaka motho, ntsa fa e supa bokoa bo tshwanetswe jwa tsibogelwa mme ya isiwa kwa go ba lephata la diphologolo go ka thusega, a re seo ke sesupo sa gore le yone e tsewa tsia.

Go ya ka Rre Mereyotlhe, ntsa e dirwa ke morui wa yone gore e itsee ka tsela nngwe a re ntsa fa e bolaisiwa tlala ke morui e nna legodu. 

Rre Mereyotlhe o kgadile barui ba dintsa ba ba di latlhelelang e bile ba seke ba netefatsa gore di jele kgotsa di tsere mekento a re ke bone ba rotloetsang boitshwaro jo bo sa siamang ba seruiwa seo.

O gakolotse banana go inaakanya le thuo ya dintsa a re e ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro le le apesitseng lefatshe kobo ka letshoba. 

Fa a mo tlatsa Rre Lazarus Moroko wa kgotlana ya Khurumela yo le e ne e leng morui wa dintsa, o ne a supa fa ene a ruetse dintsa tsa gagwe thekiso mme di mo fa letseno le le botoka.

Rre Moroko le ene o rotloeditse kgang ya go ipopa ba nna mokgatlho, a re o ka busetsa barui ga mmogo le tsone dintsa. 

Rre yo o ruile dintsa tsa mofuta wa Grey Hond mme a re sephiri segolo mo kgwebong ya gagwe ke lorato le tlhokomelo mo dintseng tsa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : PALAPYE

Event : potsolotso

Date : 22 Aug 2018