Morafe o rotloediwa go sireletsa ngwao
22 Aug 2018
Banni ba toropo ya Ghanzi ba boleletswe fa ngwao e le botlhokwa e bile ba ka itshetsa ka yone le gone go aga boitshwaro jwa banana.
Mafoko ao a builwe ke mogokaganyi wa mokgatlho wa Mbungu wa Kathimana wa morafe wa Bambukushu.
Fa a bula semmuso moletlo wa ngwao o o neng o tshwaretswe kwa Ghanzi ka Matlhatso, Rre Benson Dibebe o rile go botlhokwa gore morafe o itse ngwao ya one le go ipela ka yone ka dinako tsotlhe gore le banana ba kgone go e sala morago.
O tlhalositse fa mo malatsing a gompieno bontsi jwa Batswana ba tlogetse ngwao ba setse morago dilo tsa segompieno, mme a re ba tshwanetse go itse fa ngwao ele botlhokwa mo matshelong a bone, ka jalo ba tshwanetse go netefatsa gore ga e nyelele. A re bone e le morafe wa Bambukushu ba emetse ngwao ya bone ka dinao e bile ba rutuntsha le banana ba Bambukushu gore ba tlhaloganye ka ngwao ya bone.
A re go botlhokwa gore morafe wa Ghanzi o tswelele ka go tshwara moletlo wa ngwao gore ba tlhologanye ka dingwao tsa bone le gore batswa kae baya kae.
Rre Dibebe a re bontsi jwa banana ga ba sa tlhole ba itse dingwao tsa bone ka gore ba sia le ditlhabologo tsa segompieno, a tlatsa ka gore ditlhabologo di thulathulana le ngwao.
E rile modualasetilo wa komiti ya ngwao e bile e le mokhanaselara wa Ghanzi Bogare Mme Gaolete Dikoma a ntsha maikaelelo a letsatsi leo a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa Morafe wa Ghanzi o saletse morago mo ngwaong, mme ba bona fa ba tshwanetse go emela ngwao ya bone ka dinao.
Mme Dikoma a re go botlhokwa gore bone e le morafe wa Ghanzi ba tshware meletlo e e tshwanang le o, go ithuta ka ngwao gore le bone bana ba bone ba tsamaye mo dikgatong tsa bone ba seka ba lebala ka ngwao ya bone.
A re moletlo o ke la bobedi o tshwarwa go leka go tsosolosa ngwao ya morafe wa Ghanzi, mme a tlhalosa fa maikaelelo e le go o tshwara ngwaga le ngwaga.
O ne a tlhalosa gape fa moletlo o, o tshwarwa jaana ka boithaopo le lorato la batho ba Ghanzi.
O ne a kopa banni ba Ghanzi go emela letsatsi le ka dinao le go tshwaragana gore moletlo wa bone o atlege.
E ne e rile go le pele Kgosi Botshelo Lekgothu a amogela baeng, a re letsatsi leo le tshwanetse go dirwa ke morafe ka dipalo tse di kwa godimo.
Kgosi Lekgothu a re setlhogo sa letsatsi leo, se se reng; Ipele ka Ngwao ya Gago, o e itse, o e diragatse, se bua ka one morafe, ka jalo ba tshwanetse go diragatsa ngwao ya bone le go ipela ka yone ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : moletlo wa ngwao
Date : 22 Aug 2018



