Kgosi Molefe o amogela disupiwa tsa dikgafela
22 Aug 2018
Kgosi Michael Molefe wa Kopong o amogetse disupiwa tsa thobo di akaretsa mmidi, mabele le tse dingwe ga mmogo le go rebola dikgafela kwa kgotleng kgolo ya Kopong.
E rile a amogela disupiwa tseo, Kgosi Molefe a kopa makgotlana a motse oo a a masome mabedi le bobedi go kopana le go bereka mmogo go baakanyetsa letsatsi la dikgafela le le tlaa tshwarwang Lwetse e tlhola malatsi a fera bongwe.
A re go supa thobo e e tla dirisiwang go dira dikgafela ke go tlotla tsamaiso ya setso e e supang gore ka nnete mokete wa dikgafela o tlaa nna teng mo bogaufing.
Ka jalo a re morafe o tshwanetse wa tsaya maikarebelo a go dibela le go sala morago tsamaiso ya go isa disupiwa tsa thobo kwa kgotleng.
Kgosi Molefe o kaile gore fa makgotlana a sena go isa disupiwa tsa thobo kwa kgotleng ba tlaa tsena mo paakanyetsong tiro kgolo ya dikgafela ka mabetwaepelo, mme a rotloetsa batsadi go kgothatsa bana ba bone go nna le kgatlhego le seabe mo tirong eo gore le bone batle ba ithute ngwao mo batsading ba bone.
O supile fa seo se ka dira gore banana ba tswelele ba tshegeditse ngwao le go e fetisetsa kwa dikokomaneng tsa kamoso.
Modulasetilo wa komiti ee baakanyetsang dikgafela Rre George Tubego a re ba tswa kgakala ba ntse ba tshwara moletlo wa dikgafela kwa motseng oo, e bile ba tsweletse sentle ka dipaakanyo tsa letsatsi leo.
A re moletlo wa dikgafela ke tiro ya morafe, ka jalo ba tsweletse sentle ka go rerisa morafe mo diphuthegong ka fa dipaakanyo di tsweletseng ka teng.
Rre Tubego a re mo nakong ya gompieno makgotlana a ikgobokanyetsa madi ka ditiro tse di farologanyeng gore ba reke dijo tse ba tlaa di apayang ka letsatsi leo.
Le fa go ntse jalo o kopile morafe go tsaya karolo ka go ithaopa go dira ditiro tse di farologaneng di akaretsa go ya go rwalela, go adimana dipitsa le tse dingwe gore letsatsi leo le tle le tsamae sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KOPONG
Event : kamogelo ya disupiwa
Date : 22 Aug 2018



