Breaking News

Inaakanyeng le dikgwebo tse di nang le mmaraka

22 Aug 2018

Mogwebi yo o thusitsweng ka lenaneo la nyelesto lehuma o kopile banana ba ba eletsang go thusiwa go dira dikgwebo ka mananeo a puso go tlhopha dikgwebo tse di santse di na le mmaraka.

Mme Gaongalelwe Modukanele wa Ranaka gaufi le Kanye o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a supa fa a thusitswe ke puso go bula kgwebo ya go apaya borotho ka 2015.

A re kgwetlho kgolo ke letlhoko la mmaraka ka kgwebo ya gagwe e ikaegile ka sekole se sebotlana sa Ranaka, selo ka jalo fa dikole di tswetswe kgwebo e wela tlase.

Mo go lekeng go godisa kgwebo ka go rekisa borotho kwa marekisetsong a re o ne hupediwa ke phadisanyo e e kwa godimo ya mabentlele a matona a le one a apayang borotho. 

Mme Modukanele a re tumalano ya gagwe le sekole e a wela mo bogaufing, mme se se tsisa poifo gore kgwebo e tsile go tswala ka go se motlhofo go dira dipoelo go sena mmaraka o o itshetletseng. 

Le fa go ntse jalo, Mme Modukanele o supile fa a tlaa itepatepanya le dikgwetlho tse a di raletseng. 

O supile fa letlhoko la didirisiwa tse di maleba jaaka motshine o o dubang borotho le o o kgaoganyang borotho e le nngwe ya dilo tse di sa emang kgwebo ya gagwe sentle.

Mme Modukanele gape o kopile ofisi ya nyeletso lehuma gore e nne e lekola ba ba thusitsweng ka dikgwebo kgapetsakgapetsa gore e kgone gore ba lebanwe ke dikgwetlho di fe, selo se a reng ka thusa go hema go phutlhama ga dikgwebo. 

O kopa gore ba ne ba isiwa ditshupong gore ba tsee malebela le go rulaganyediwa ithutuntsho ya kgwebo go oketsa kitso e ba nang nayo ya go tsamaisa kgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Galaletsang Letshoo

Location : RANAKA

Event : potsolotso

Date : 22 Aug 2018