Breaking News

Ba Pallaroad ba ipelela tandabala

22 Aug 2018

Bagodi ba Pallaroad ba baakanyetsa moletlo wa go lebogela puso go lemoga boleng jwa bone mo setshabeng. 

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti ya bagodi kwa motseng oo, Rre Otsetswe Mangope o tlhalositse fa mangwe a maikaelelo a letsatsi leo e le go ipelela dingwaga tse di masome mabedi le bobedi bagodi ba dingwaga tse di masome marataro le botlhano le go feta ba ntse ba thusiwa ke puso ka madi a itshetso e leng motlaodutse. 

A re moletlo o tlaa tshwarwa Phalane a le masome mabedi. 

Rre Mangope a re dikatso tsa bagodi tse di tlwaelesegileng go bidiwa ka leina la teme ya sekalaka la ‘tandabala’ di simolotse ka Phalane ka 1996 ka jalo ba bonye go le botlhokwa go tshwara moletlo ka kgwedi eo. 

“Konokono ya moletlo o, ke go lemoga boleng jwa rona re le bagodi le go ipelela dingwaga tse di masome mabedi re ntse re amogela madi a bagodi. 

Re ikaelela gape go leboga puso ka go lemoga bagodi le go bona go le botlhokwa go ba latlhelela lemmenyana la go itshetsa.” 

Rre Mangope o supile gape gore sengwe sa botlhokwa ke go leboga Modimo go ba gorosa mo dingwageng tse ba leng mo go tsone. 

“Re eletsa go iteboga ka go ja dijo le go tshwara dikgang tse di amanang le letsatsi le. 

Re dumela gore moletlo wa mofuta o, o tlaa dira botsalano mo bagoding,” ga tlhalosa Rre Mangope. 

A re le fa ba santse ba tsweletse ka dithulaganyo, keletso ke go laletsa bagolo bangwe go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae ka gore ke lone le le okametseng lenaneo la dikatso tsa bagodi. 

O supa fa moletlo wa monongwaga e le tshimologo, ka jalo a ka se tlhomamisa gore go ya pele go tlaa tswelela jang. 

“Ke dumela gore tshekatsheko ya tiro e, e tlaa tlhalosa gore go ya pele re dira jang. Re tlaa bo re ipelela dingwaga tse di masome mabedi le bobedi re ntse re bona dikatso, ka jalo go botlhokwa gore re akgole puso go re lemoga,” a tswelela a tlhalosa. Rre Mangope a re o dumela gore morago ga moletlo o, bagodi ba Pallaroad ba tlaa kgona go ipopa ba tswa ka mananeo a a nonofileng go kaela morafe le go aga motse. 

“Boamaruri ke gore ga re ise re lemoge sentle seabe sa rona mo ditirong tsa motse, ke dumela gore moletlo o, o tlaa thusa gore re itemoge.” O ne a kopa morafe le botlhe ba ba amegang gore ba seka ba nna maoto a tshupa go tsenelele moletlo oo, a kaya fa maikaelelo e le go ba lekodisa ka mathata a bone mme le bone ba abelane tse ba eletsang ba ka thusa mo go tsone. 

A re go botlhokwa go amogana mafoko le go tokafatsa tse di ka tswang di tshwenya. 

O supa gore motse mongwe le mongwe o na le mathata a one, ka jalo a re o dumela gore kokoano ya mofuta o, e tlaa thusa go buisana ka dingwe dikgang tse di tshwenyang, e ka nna tsa borukuthi kana banana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MAHALAPYE

Event : potsolotso

Date : 22 Aug 2018