Breaking News

Kereke e gopola ditiro tsa ga Mmaarona

22 Aug 2018

Dingwaga morago ga go tlhokafala ga moeteledipele wa kereke ya Bontle Bethesda African go tlaa tlhongwa moeteledipele wa kereke eo ka Matlhatso.

Faa bua mo potsolotsong le BOPA, moeteledipele wa setlhopha se se rulaganyetsang melotlo ya kereke, Rre Pako Madigele a re e le kereke ba tsere tshwetso ya go tlhoma Mme Banabotlhe Malebi go etelela phuthego pele.

Rre Madigele a re e le ba kereke ya Bontle Bethesda ba na le tshepho mo boeteleding pele jwa bomme, a tlatsa ka gore e re ka ele maitlamo a puso go neela bomme marapo a boeteledipele, ba ne ba bona go tshwanela go neela mme go ba etelelapele e le kereke.

A re mookami wa kereke ya bone o tlaa bo a tlhongwa semmuso ke Mookami Lebogang Tube yo o okametseng kgaolo ya borwa mo kerekeng ya Methodist.

O ne a tlhalosa moeteledipele yo o tlhongwang go goga kereke e le ngwana wa ntlha wa mosimolodi wa Kereke ya Bontle Bethesda African, Mme Kagelelo Nkemelang, a tlatsa ka go re ga ba a mo tlhoma go ja boswa jwa ga mmagwe mme ba mo tlhomile ba lemogile gore o na le tlhotlheletso le maatla a go etelela phuthego pele. Rre Madigele a re tshwetso nngwe le nngwe e ba e tsayang ba kopa Modimo go ba fa tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, mme a bolela fa letsatsi la matlhatso e tlaa bo e se la go tlhoma moeteledipele fela mme le tlaa bo le kopantswe le moletlo wa Raleboga wa ngwaga le ngwaga ka phatwe.

Rre Madigele  o ne a tlhalosa fa kereke e tlhamilwe ke Mme Nkemelang yo o neng a itsege ka leina la Mmaarona ka ngwaga wa 1956 kwa Magoriapitse.

A re e ne ya re Mme Nkemelang a le kwa Afrika Borwa ka 1956 a tlelwa ke lentswe la Modimo mme a boela Botswana a feta a simolodisa kereke a thusa batho ka go farologana, a tsamaya dikgaolo a rerela batho ka diponatshegelo tsa gagwe.

Rre Madigele a re e ne ya re phukwi a tlhola masome a mabedi le borobabobedi ba ribolola setshwantsho sa motshikhinyego ka botshelo jwa ga Mmaarona.

A re maikaelelo a go ribolola setshwantsho seo e ne e le go lemotsha batho ka  botshelo jo motlhami wa kereke a neng a bo tshela le bodiredi jwa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 22 Aug 2018