Breaking News

Go amusa ka lebele go botlhokwa mo kgodisong ya ngwana

22 Aug 2018

Go amusa ka lebele go kailwe go le botlhokwa thata e bile e le konokono mo kgodisong ya losea.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, mooki-mogolo kwa kokelwaneng ya Ntshe kwa Francistown, Mme Lindy Sebego a tlhalosa fa go le botlhokwa gore bommabana ba amuse bana ba bone ka lebele.

A re maši a lebele a na le dikotla tse di botlhokwa di le dintsi, mme ebile dikotla tse di thusa mo go goleng ga ngwana le go mo sireletsa mo malwetsing, a tlatsa ka go re go supagetse fa bana ba ba anyang lebele ba sa tshabelelwe ke malwetsi fa ba tshwantshiwa le ba ba sa anyang lebele.

Mo godimo ga moo, Mme Sebego o tlhalositse fa kamuso ka lebele e rotloetsa botsalano fa gare ga losea le mmaalo, mme se se dire gore losea le gole ka boitumelo.

A re maši a lebele a sireletsegile go menagane ka a sena selabe, e bile mogote wa one ele o o lekanetseng losea, a tlatsa ka gore maši a lebele ga a rekwe ebile a nna a le teng ka nako tsotlhe, ka jalo mmangwana mongwe le mongwe kwa ntle ga yoo nang le malwetsi mangwe jaaka mogare wa HIV kgotsa  kankere ya lebele a rotloetswa go amusa ka lebele.

A re go botlhokwa gore ngwana a amusiwe kgwedi tsa ntlha tse thataro a sa jesiwe dijo dipe tse dingwe, mme morago ga moo a ka kopanyetswa le go jesiwa dijo tse di sa omelelang ebile di le dikotla tse dintsi jaaka mae, dibanana, ditapole tse di bidisitsweng le tse dingwe.

A re ngwana o ka amusiwa go fitlhelela a nna ngwaga tse pedi go netefatsa gore o gola a itekanetse e bile a bona dikotla tsotlhe tse di tlhokafalang mo go goleng ga gagwe. 

A re mmangwana o tshwanetse go ja dijo tse di ka oketsang maši mo lebeleng di akaretsa motogo, mogodungwana jalo jalo.

A re bommabana ba ba amusang ga ba a tshwanela go nwa nnotagi kgotsa go dirisa diritibatsi tse di borai di tshwana motokwane, cocaine le tse dingwe  ka di ka fetela kwa loseeng ka maši a lebele ka nako ya kamuso.

O gateletse fa bomme ba ba amusang ba tshwanetse go gololwa ka nako kgotsa ba fiwe nako ya go ya go amusa kwa ditirong.

Gape a re mmangwana o ka gamela maši a lebele mo mabotlolong a a phepa a bo a a tsenya mo setsidifatsing gore ba ba salang mo lwapeng ba sale ba a siela ngwana, mme a re maši ao a tshwanetse go nna mo botsididing jo bo lekanetseng.

Mme Sebego o kgadile bommabana ba ba tshabang go amusa ka tumelo ya gore go ka ba diga mabele, a re ga gona se se ntseng jalo.

O kopile borre go nna le seabe mo go netefatseng gore bommabana ba amusa bana ka fa tshwanelong ka go ba rotloetsa le go ba ema nokeng mme a  konotelela ka go tlhalosa fa go le botlhokwa gore bommabana ba rutwe ka mosola wa kamuso ka lebele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 22 Aug 2018