Breaking News

Ba rapelela tsela ya KopongMetsimotlhabe

21 Aug 2018

Batswana ba le 444 ba latlhegetswe ke matshelo ka ngwaga wa 2017 ntateng ya dikotsi tsa tsela. 

Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane Rre Vincent Seretse o buile jaana bosheng kwa thapedisong ya tsela ya Kopong/ Metsimotlhabe kwa Kopong, a tlhalosa fa tsela eo e tlhokana le thapediso. 

“Mo lokwalong lwa ga Timony go kwadilwe gatwe, ‘a re rapeleng mme re rapeleleng ba bangwe ka jalo re tlaa bo re ba segofatsa,’ ga bua Rre Seretse. 

O tlhalositse fa puso e tshwenyegile ka fa banana ba amegang mo dikotsing tsa tsela ka teng ntswa ele bone go solofetsweng gore ba tlhabolole itsholelo ya lefatshe le, e bile gape e le bone baeteledipele ba kamoso. 

Mopalamente Seretse o gwetlhile banni ba Kopong go nna seopo sengwe go lwantsha dikotsi tsa tsela a bo a leboga dikereke tsa Kopong go phuthega ba le mmogo go tlisa pharologanyo mo matshelong a batho Sergeant David Bolaane go tswa kwa sepodiseng sa

Mogoditshane o tlhalositse fa ba setse ba kwadisitse dikotsi tsa tsela di le thataro mo kgweding e, mme di ne di diragalela mo tseleng ya Kopong/Metsibotlhabe. 

Sergeant Bolaane o rotloeditse bakgweetsi go obamela matshwao a tsela, a bolela fa tsela eo e le sekgele se sekhutshwane sa dikhilomithara tse di masome mararo mme gape e na le dikoloi tse dintsi tse di e dirisang. 

“Matshwao a tsela a mo ditseleng, mme go maswabi ka gore bakgweetsi ga ba a dirise,” a re seo se na le seabe mo kgolong ya dikotsi tsa tsela. 

O gwetlhile bakgweetsi go nna kelotlhoko ka gore tsela eo e dirisiwa ke bana thata mme go nna kelelelo go ka thusa go hema dikotsi tsa tsela tse di amang bana thata. 

Rre Tlhabano Mmusi go tswa mo lephateng la Ipabalelo Tseleng kwa MVA Fund o buile fa ba tsamaya ba gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng go ruta sechaba go hema dikotsi tsa tsela. 

A re ba latlhegetswe ke batsamaya ka dinao ba le bantsi ngogola ka ntlha ya dikotsi tsa tsela. 

Rre Mmusi o boletse fa ba dirisa P200 million ka ngwaga go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela ka jalo a rotloetsa sechaba go ipabalela mo dikotsing ka nako tsotlhe.  

A re ba na le dithuso tse ba di fang ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela, a tlatsa fa ba thusa mo dithulaganyong tsa phitlho ka madi a a kana ka P7 500, mme ba thusa gape le mo go tsa bongaka. 

“Ipabalelo tseleng e simolola kwa lapeng, re na le dikgang tse batsadi ba ba thulang bana kwa malwapeng ba sa ba lemoge fa ba le ka fa morago ga koloi ka jalo a re nneng kelotlhoko ka dinako tsotlhe. Ke rotloetsa batsamaya ka dinao go tsamaya mo lebogong la moja fa ba dirisa tsela e bile gape ba tlole tsela mo makgabaganyong a a supilweng kana dikoloi di sena go feta,” ga tshwaela Rre Mmusi. 

O gwetlhile setshaba go begela mapodisi kana ba ba lebaneng fa ba lemoga fa mokgweetsi mongwe a sa kgweetse sentle. 

“Rurifatsa gore mokgweetsi wa gago o itekanetse ka dinako tsotlhe fa a kgweetsa, ka jalo re ka lwantsha dikotsi tsa tsela rotlhe,” a tshwaela. 

Mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti la Kopong Rre Meshack Tshekiso o tlhalositse fa ba bone go le mosola go dira modiro o, ka ba lemogile fa matshelo a batho a felelela mo tseleng eo. 

A re dithapediso tse di tlaa nna ngwaga le ngwaga, a tlatsa ka go re banni ba Kopong ke morafe o o dumelang mo thapelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : KOPONG

Event : Merapelo

Date : 21 Aug 2018