Breaking News

Kgosi o akgola banana

21 Aug 2018

Banana ba Lehututu kwa Kgalagadi Bokone ba akgoletswe go inaakanya le dikomiti tsa motse go tlhomamisa gore ditiro tsa motse wa bone di gatela pele. 

Mafoko a, a builwe ke Kgosi Kebapatile Montshiwa wa Lehututu mo potsolosong bosheng. 

Kgosi Montshiwa o tlhalositse fa se e se go ntsha fela maduo, mme e le go aga boitsholo jwa bone le go ithuta ka mananeo a puso. 

A re ditiro tsa segompieno di batla maranyane le boitsaanape, ka jalo go ka nna bonolo mo go bone go ka dira ditiro ka maranyane. 

O tlhalositse fa a na le tsholofelo e ntsi mono ngwaga mo komiting ya boipuso e e tsamaisiwang ke banana, a tlatsa ka gore go ya ka pego ya komiti eo bosheng, ba setse ba le malala o laotswe ka dipaakanyo tsa bone. 

A re ba supile fa ba na le maikaelelo a go tla ka methale e e farologanyeng ya go natetsha letsatsi la boipuso, ka moopelo wa dikhwaere,dikgaisano tsa mabelo a ditonki le dijo tsa Setswana le tse dingwe fela jalo tse di ka kgatlhang leitlho. 

Kgosi Montshiwa o ne a kopa bagolo go fa bana ba bone sebaka go tsenelela merero ya ditlhabololo tsa motse, ka jaana e le bone bagogi ba kamoso ba setshaba. 

A re go nna le seabe ga banana mo ditlhabololong tsa motse go ka tsisa ditlhabololo tse di ka tlhabololang matshelo a bone, gape go ka fokotsa borukhutlhi. 

Le fa go ntse jalo, Kgosi o tlhalosiste fa a sa jesiwe diwelang ke bagwebi ba ba gwebang ka ditagi. 

A re le fa ba sa itse bagwebi bao, ba lemotshiwa ke go bona boitsholo jwa bangwe banana bo se bontle, a tlatsa ka gore mokgwa oo wa go gweba ka ditagi o gakatsa dipolaano le borukhutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Othusitse Letlotlo

Location : LEHUTUTU

Event : Potsolotso

Date : 21 Aug 2018