Morafe o kopiwa go tsenya letsogo mo kagong ya tsela
21 Aug 2018
Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano Rre Kitso Mokaila o supile fa mo nakong tse di fetlileng go lemotshegile fa ba ne ba ntse ba kgaphela ba-na-le seabe ba tshwana le morafe mo ditlhabololong tsa metse ya bone.
A re se se ne se dira gore go nne le tiego mo go simololeng tiro.
Rre Mokaila o ne a bua jaana kwa kgotleng ya Serule fa a ne a ile go begela magosi le morafe rakonteraka yo o abetsweng tiro ya go aga tsela e e golaganyang Tshimoyapula, Mabeleapudi, Paje le Serule.
A re lephata la gagwe le dira se gore morafe o nne le seabe mo go tlhomamiseng gore tiro e dirwa ka fa go tshwanetseng ka teng.
Rre Mokaila o ne a supa fa konteraka ya Unik Construction e le yone e e abetsweng tsela ya Mabeleapudi-Serule ya dikhilomitara di le masome marataro le boferabobedi e e tlaa dirwang ka P400 million mme tsholofelo ke gore e bo e wetse mo ngwageng tse pedi.
Rre Mokaila o ne a rotloetsa dikgosi le morafe go ela tlhoko gore ga go nne le tiego e e ka dirang gore kago ya tsela e bo e ka tsaya sebaka se se leele go feta se se beilweng.
A re se se ka dira gore puso e tsene mo ditshenyegelong tsa go dirisa madimadi.
O ne a kopa ba ba setseng ba kopilwe go fuduga go dira jalo mo nakong e khutshwane go sutela ditlhabololo.
Rre Mokaila o ne a supa fa kago ya tsela e tsile go fetola matshelo a batho jaaka ba dikgwebo tse dipotlana.
O ne a tlhalosa fa ba tlaa kgona go tshetsa ba malwapa a bone.
O ne a kopa ba ba tlaa nnang lesego go thapiwa mo tirong go itshwara sentle le go dirisana le rakonteraka gore tiro e kgone go dirwa go sena dikgogakgogano.
Tona Mokaila o ne a supa gore ditlhabololo fa di dirwa go na le tse dintle le tse di maswe, mme a kopa morafe wa Serule go ipaakanyetsa dikgwetlho tsa go nna jalo mme tse dingwe ba kgone go di tila gore di seka tsa ama matshelo a bone.
Rre Mokaila a re tumalano e e dirilweng ke Tautona Mokgweetsi Masisi le ba a berekang le bone ke gore go berekwe ka thata gore ditlhabololo di kgone go goroga kwa setshabeng.
O ne a supa fa lephata la gagwe le tshwere ka thata go aga ditsela tsa boleng jo bo kwa godimo tse di tlaa golaganyang lefatshe ka bophara.
A re go dira jalo go tlaa dira gore batho ba kgone go tsamaya ka nako e ba e batlang go sena dikgoreletsi dipe ,a supa fa puso e na le mogopolo wa gore mo dingwageng tse ditlang lephata le bo le ka itsenyetsa madi ka go duelelwa ga ditsela. Mokwaledi wa lephata la dipalamo le ditlhaeletsano Rre Kabelo Ebineng o ne a supa fa se e le tshimologo ya therisano le morafe wa Serule mme ba tla a tswelela ba ba lekodisa ka fa tiro e tsweletseng ka teng.
O ne a ba kopa go nna leitlho la puso go bega sengwe le sengwe se se ka tswang se belaetsa.
Phuthego e ne e tsenwe ke mopalamente wa Serowe Bokone e bile e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autwetse le bagolwane ba bangwe ba puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 21 Aug 2018



