Letsholo le ntsha maduo
21 Aug 2018
E re ka bogodu jwa loruo bo ile magoletsa mo Botswana, bogolo jang mo kgaolong ya Borwa, mapodisi a boloditse lotsholo le le bidiwang Kgomo Khumo go bo lwantsha.
Mo potsolosong bosheng, mogolwane wa mapodisi mo Kanye Inspector Benjamin Kaote, o boletse fa ba ikgaogantse ka metse e tshwana le Gasita, Lefoko, Selokolela, Sekoma le Morwamosu go lwantsha borukutlhi jotlhe jo bo ka diragalang kwa metseng eo.
Inspector Kaote o tlhalositse a re ba ne ba etela Gasita ka Seetebosigo a tlhola lesome le bone mme ba kwadisa dikgang di le lesome le bosupa tse mo go tsone bontsi e neng e le tsa bogodu jwa loruo.
Inspector Kaote o ne a tlhalosa gore bontsi jwa loruo lo lo utswiwang ke magodu mo Gasita ke dinamanyane tse barui ba sa di tshubang, a tlhalosa fa bontsi jwa badira molato e le banana ba borre ba ba nnang mo Gasita le ba metse e mabapi.
O supile gore e re ntswa makgotla a ditsheko e le one a atlholang dikgang ka go farologana, o ne a tlhalosa fa go tsaya lobaka go rarabolola dikgang.
A re kgwetlho kgolo e ba lebanyeng nayo ke ya tiego ya go rarabolola dikgang tsa bogodu jwa leruo ka jaana bosupi bo felela bo nyelela ka loruo le gola kana le e swa fa go emetswe gore dikgang di reediwe ko makgotleng a ditsheko.
Rre Kaote a re ntswa ba leka go lwantsha borukutlhi jo, ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana ditsela tse di sa tsamaegeng, go atologa ga kgaolo mme se se dira gore ba seka ba kgona go lwantsha borukutlhi jaaka ba eleditse.
O ne a gakolola barui go tlhokomela loruo lwa bone ka go lo tshuba lo santse lo le lobotlana, go itsa go lo tlogela lo hula lo le nosi, mme o ne a akgola banni go bo ba tsweletse ka go dirisana sentle le bone ka go ba loma tsebe ka dikgang tse di amanang le borukutlhi.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Dineo Mothoemang wa Gasita o ne a akgola maiteko a puso tebang le borukutlhi, a supa gore fa e sale letsholo le simolola, borukutlhi bo ne jwa fokotsega thata, bogolo jang jwa loruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : GASITA
Event : Potsolotso
Date : 21 Aug 2018



