Dikhansele di thusa bagwebi go amogana kitso
20 Aug 2018
Lephata la boipelego le semeletse ka go tokafatsa matshelo a setshaba ka mananeo a puso a a fitlhelwang kwa lephateng leo.
Mafoko a, a builwe ke ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa kwa ditshupong tsa dikgwebo tse di potlana go tswa kwa dikhanseleng di le nne tsa bokone, Francistown City Council, North East District Council, Sowa Town Council le Selebi Phikwe Town Council kwa Selebi Phikwe bosheng.
Rre Molosiwa a re ditshupo tse di rulagantswe ke ba ofisi ya boipelego go tswa dikhanseleng tse nne tseo ka maikaelelo ago tokafatsa matshelo a setshaba.
A re le fa dikhansele di ne di le mo dikgaisanyong ka dikgwebo tsa tsone, maikaelelo magolo a ditshupo tseo e ne e le go fa bagwebi sebaka sa go amogana dikitso ga mmogo le go bapatsa dithoto tsa bone.
Rre Molosiwa o ne a kgothatsa bagwebi ba ba neng ba tseneletse ditshupo tseo go di dirisa go godisa dikgwebo tsa bone gore ba tle ba kgone go tlhamela bangwe ka bone ditiro ga mmogo le go nna le seabe mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe.
O rotloeditse bagwebi go dirisa dikgakololo tse ba di neetsweng ke baatlhodi go tlhabolola le go godisa dikgwebo tsa bone.
Sebui sa tlotla kwa ditshupong tseo Mme Mmapula Phuduhudu o tlhalositse fa setlhogo sa ditshupo tse se se reng; Go Somarela Ngwao, Dikitso le go Dira ka Manontlhotlho se gwetlha bagwebi ba ba botlana go itshetsa ka ditalente tsa bone.
Mme Phuduhudu o ne a kgothatsa bagwebi go dirisa maranyane a segompieno jaaka Facebook go bapatsa dithoto tsa bone.
A re go bapatsa dithoto ka maranyane a segompieno go dira gore dithoto tsa bone di bonwe ke batho ba ba kgakala ba le bantsi.
O ne a ba kgothatsa gape go dira dithoto tsa bone ka manontlhotlho gore di kgone go kgatlha bareki.
Mme Phuduhudu o ne a kopa bagwebi go amogana dikitso le maele ka fa ba dirang dithoto ka teng.
O ne a kopa ba ba sa kgonang go tsaya dietsele go dirisa ditshupo tse go ipaakanya diphoso gore mo nakong e e tlang ba tle ba dire dithoto tse di nang le boleng.
Molaodi wa toropo ya Selebi Phikwe Rre Patson Dibotelo o ne a kgothatsa bagwebi go emelelana le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone ka kgwebo nngwe le nngwe e nale dikgwetlho tsa yone.
Khansele ya Selebi Phikwe e ne ya tsaya maemo a ntlha, a bobedi a ne a tsewa ke Francistown City Council, fa a boraro le a bone a ne a tsewa ke North East District Council le Sowa Town Council ka go tlhomagana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Ditshupo
Date : 20 Aug 2018



