Molelo o jele naga
20 Aug 2018
Molelo wa naga o jele naga kwa merakeng e e gaufi le metse ya Diloro, Kgagodi le Mogapinyana.
Kgosi Ketlhapile Kedikilwe wa Diloro o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore ba itemogetse molelo oo kwa mafulong a meraka e e gaufi le bone ka Labone wa beke e e fetileng, mme a re o tsere malatsi a mararo go tingwa.
O kaile gore molelo oo o amile meraka e le mmalwa e e akaretsang dithota tsa Maretele, Sekonkonyane, Mmadiphalana, Malokoloko le e mengwe e e gaufi le yone.
Kgosi Kedikilwe a re banni ba metse eo ba ne ba kopane go lwantsha molelo oo, ka thuso ya ba sepodisi, khansele ya Palapye le batima-molelo.
A re ba tlaa tswelela ba beile seemo leitlho.
O tlhalositse fa go belaesega fa molelo o tlhagogile kwa merakeng ya Maretele mo thoko ga tsela, a re go lebega fa mongwe a ne a tshubetse dinotshi mo setlhareng, mme morago molelo wa kapa bojwang.
A re molelo o o sentse selekanyo sa dikhilomithara di le masome a mabedi go ya kwa go tse di masome a mabedi le botlhano mme o amile phulo ya diphologolo tsa gae le tsa naga fela thata.
Mo go tse dingwe, Kgosi Kedikilwe o supile fa barui ba meraka eo ba tshwanetse go disa loruo lwa bone ka tlhoafalo ka jaanong le tshwanetse go tsamaya sekgele se se telele go ya go batla mafulo,
Mongwe wa ba ba neng ba ile go tima molelo, Rre Pelonomi Samuel wa Kgagodi o tlhalositse fa a sa itumedisiwa ke go goga dinao ga batho ba gagabo fa magosi a ne a tlhaba mokgosi.
A re ba ne ba le palo potlana fela thata fa go tshwantshanngwa le ba metse e mebedi e e mapabi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kealogile Diloro
Location : MAOKATUMO
Event : Potsolotso
Date : 20 Aug 2018



