Breaking News

Ntimang o inaakantse le kgwebo ya dipodi

20 Aug 2018

E re ka puso e  otlolotse letsogo go thusa ba ba sa atlegang mo botshelong, go mme mongwe wa senatla kwa Mmanoko kwa kgaolong ya Kweneng yo o semeletseng ka go rua dipodi. 

Mme yo a re go tswa goo lowe e ntse e le modisa wa dipodi ka a godiseditswe mo lwapeng la thuo, ka jalo a re o nale maitemogelo le bokgoni jwa go e tlhokomela. 

Mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, Mme Onalenna Ntimang wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe a re kgwebo ya gagwe e e tlhamilweng ka 2016 ka thuso ya lenaneo la dithuso la banana, le le bidiwang Youth Development Fund (YDF), e tsweletse sentle e bile o setse a akola tse dikgolo. 

A re lenaneo la YDF le ne la mo thusa ka P100 000 mme a kgona go reka ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang go simolodisa kgwebo eo. 

Mme Ntimang a re magolong a gagwe e ne e le motho yo o neng a na le toro ya go ipereka mme a seka a sala seo morago ka e ne yare a fetsa lokwalo la la botlhano la dithuto tse dikgolwane, a bo a ya mmadikolo kwa New Era kwa a neng a dira Advanced Diploma in Accomodation, Operation and Services tse a supileng di ne di sa amane gope le kgwebo ya gagwe. 

Le fa go ntse jalo, go fetseng dithuto tseo, a re o ne a seka a oshaosha ka a ne a alola toro ya gagwe go fitlhela e wela. 

A re fa godimo ga maitemogelo a gagwe a go tlhokomela dipodi, lenaneo la YDF le ne la mo isa sekoleng go ithutela go tsamaisa kgwebo, selo se a supileng se mo thusitse thata ka jaana letsema le le thata ka mong, e bile go tlhokega gore a bo a itsetsepetse ka botsipa jwa go e etelela pele. 

Mme Ntimang a re dipodi tsa gagwe o di rekisetsa puso go akaratsa ba LIMID, Nyeletso Lehuma ga mmogo le yone YDF. 

A re se se mo jesang diwelang ke gore kgwebo ya gagwe ga se lobaka e dira mme o setse a kgona go itshetsa le ba lwapa la gagwe ga mmogo le go duela sekoloto sa madi a kadimo ka dipoelo. 

“Mo mererong ya tsa kgwebo ga go na jaaka motho a ka kgona ntle le go kopana le dikgwetlho, mme fa motho a nale boineelo le lorato mo kgwebong e a e dirang tseo di motlhofo go ka di falola”, a bolela. 

Mme Ntimang a re e re ka motse wa Mmanoko o le gaufi le lehuti la matlakala la Gamodubu, dintsa tse di olesegelang kwa lehuting leo di kgona go bolaya dipodi tsa gagwe fa di ile go fula. 

A re selo seo se mo futsahatsa le go feta e bile a kopa puso go gagamaletsa beng ba dintsa tseo molao. 

O tlhalositse fa go ineela ka bonako e se moono le maikaelelo a mogwebi, ka jalo beng ba dikgwebo ba tshwanetse go solofela go kopana le dikgwetlho mo loetong la bone la kgwebo. 

O ne a rotloetsa bagwebi go tlhopha dikgwebo tse ba nang le bokgoni mo go tsone go na le go tlhopha ba lebile madi kana ba okwa ke gore ditsala tsa bone di mo mofuteng wa dikgwebo tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : MMANOKO

Event : Potsolotso

Date : 20 Aug 2018