Breaking News

Dikgomo di bolailwe ke botlhole kwa Letlhakeng

20 Aug 2018

Mothusa Ramapodisi wa Letlhakeng, Rre Moses Morolong a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone dikgomo di le tharo di fitlhetsweng di sule kwa lefelong le go latlhelwang matlakala kwa go lone kwa motseng oo.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Morolong o tlhalositse fa ba amogetse pego ka tiragalo eo go tswa kwa motlhokomeding wa lefelo leo bosheng mme ba ragogela koo ba fitlhela ele nnete dikgomo tseo di sule. 

A re e rile ba sekaseka lefelo leo go batla se se ka tswang se bolaile dikgomo tseo, ba fitlhela menontshane ya dijalo le dijalo dingwe di tshwana le mabele le dinawa tse di tshetsweng botlhole.

Rre Morolong a re ba ne ba ikopanya le ba lephata la temo- thuo ba ba fetileng ba tlhalosa fa e le bone ba latlhetseng botlhole joo koo. 

A re ban e ba kopa motlhatlhobi wa nama go tla go thusa ka ditlhotlhomiso, yo e rileng a bua dikgomo tseo a fitlhela di senyegile e bile di na le monko o o maswe. 

Motlhatlhobi yoo, Rre Dikabelo Tlantape a re kgomo e le nngwe mo go tse tharo tseo e ne e dusa mme a tlhalosa fa a tsere dirwe dingwe go di isa kwa matlhatlhobelong magolo go ya go tsweledisa tlhatlhobo.

Mongwe wa beng ba dikgomo o ne a supa khansele-potlana ya Letlhakeng ka monwana go bo e sa tsibogele go baakanya terata ya lefelo leo e e saleng e ole, mme a re ba solofela gore ba lephata temo-thuo ba tlaa ba phimola dikeledi. 

Rre Morolong o ne a kopa barui go tlhokomela leruo la bone ka ke lone ba itshetsang ka lone, a tlatsa ka go re ba sepodisi ba tshwenngwa thata ke loruo lo lo gobeyang mo metseng bosigo le motshegare ka lo kgona go baka dikotsi mo ditseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Amolemo Moeng

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 20 Aug 2018