Breaking News

Go sa tsholediwa maemo ga kgotla go rotloetsa borukutlhi

20 Aug 2018

Kgosi Cindy Mohaladi-Kokole wa Ditshukudu mo kgaolong ya Kweneng a re go tlhoka go tsholediwa maemo ga kgotla ya gagwe go nna e e sekisang go rotloetsa kgolo ya borukutlhi mo motseng. 

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Mohaladi-Kokole a re mo nakong eno kgotla ya gagwe ke ya tetlanyo fela, a tlatsa ka gore ga ba kgone go seka dikgang, selo se a kailelng fa se dira gore motse oo e nne boremelelo jwa borukutlhi ka go sena mapodise mo kgotleng ga mmogo le bakwaledi ba kgotla. 

A re kgotla ya gagwe e akaretsa masimo a le mmalwa a tshwana le a Kgare, Mamarobole le Mammoto, ka jalo a supa fa ba nna le bothata go ka thusa mo dikgannyeng tsa borukutlhi ka jaana bone ba itebagantse fela le go letlanya tsa selegae. 

A re ntswa ba tsaya dithuso tsa sepodisi kwa Lentsweletau, ka e le one o gaufi le bone, seo ga se a lekana ka jaana nako e ntsi bosupi bo a senyega ka ntlha ya tiego ya go ka sekisa badira melato. 

Kgosi Mohaladi-Kokole a re mapodisi a tsaya nako go ba lekola, gammogo le gone go buisa diputhego, a tlatsa ka gore ba tla fela fa ba ba tlhaba mokgosi go tla go thusa. 

A re bogodu jwa loruo mo motseng wa gagwe bo go golela pele, a tlatsa ka gore gape o tshwenngwa fela thata ke dikgang tsa dintwa le dipolaano tse gantsi di diragalelang ko maitisong. 

E rile a tsibogela kgang eo motshwarelela mookamela mapodisi a Molepolole Assistant Superintendent Gontse Segale a supa fa fa ba itemogela gore borukutlhi bo a gola mme a tlhalosa fa seemo sa Ditshukudu e le senngwe se ba sepodisi ba se etseng tlhoko ka dinako tsotlhe, a re go maleba gore go etelwe nako le nako. 

A re mo nakong eno, motse oo ga ona komiti epe ya twantsho borukutlhi, a supa fa go na le mapodisi a baithaopi fela mme a re go botlhokwa gore dikomiti tsa mofuta oo di nne teng ka jaana go setse go na le madirelo mme e bile le palo ya banni e oketsega. 

Mme Segale o beli a supa fa sepodisi sa Lentsweletau se thusa metse e mentsi e akaretsa Mahetlwe, Hatsalatladi le e mengwe, mme a re seo se dira gore mapodisi a tsee nako go lekola metse e mengwe ka jaana e bile ba na le tlhaelo ya dikoloi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepang Segola

Location : DITSHUKUDU

Event : Potsolotso

Date : 20 Aug 2018