Breaking News

BONELA e rutuntsha dikgosi

20 Aug 2018

Lekalana le le ikemetseng la Botswana Network on Ethics, Law and HIV/AIDS (BONELA) le rutuntshitse magosi a Palapye le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse (VDC) ka ditirelo tsa bone.

Mogokaganya ditirelo tsa lekalana leo, Mme Tebogo Gareitsanye o tlhaloseditse BOPA fa BONELA e itebagantse le botsogo le tshireletso ya bana le bomme mo dikgannyeng tsa kgokgontsho le sepe fela se se ka amang matshelo a bone. 

“Re le BONELA re itebagantse gape le magolegwa, go bona gore botlhe batswakwa le beng-gae ba fiwa diritibatsi tsa HIV le dikausu go itshireletsa mo tlhakanelong dikobo e ntse e le maikaelelo a phokotso ya kanamo ya mogare mo lefatsheng leno,” Mme Gareitsanye a tlhalosa. 

Mme Gareitsanye o tlhalositse fa a tsamaya le mafelo a a tlhophilweng go isa molaetsa kwa merafeng, dikgosi le VDC ka lenaneo le lesha le le mo tekeletsong le le itebagantseng le ba-na-le bogole la Promotion, Protection and Fulfilment of People Living With Disabilities. 

A re mo lenaneong le, maikaelelo magolo a mararo ke go bona go dirilwe molawana o o itebagantseng le ba-na-le bogole, go sireletsa ditshwanelo tsa bone le go rotloetsa mekgatlho e e itebagantseng le bana-le-bogole jaaka Cheshire Foundation.

“Mo maikaelelong a go diragatsa lenaneo le lesha, BONELA e abetswe P868 000 ke Finnish Evangelican Lutheran Mission a a tlaa dirisiwang mo sebakeng sa dingwaga tse nne go netefatsa gore lenaneo le lesha le a itshetlela ebile le tswelela pele,” Mme Gareitsanye a tlhalosa.

O kaile fa mo tshimolodisong ya lenaneo le, go batla moithaopi yo o tlaa thusiwang ka sepalamo le ditlhaeeletsanyo go thusa BONELA le go ba tlhofofatletsa ditireleo go fitlhelela kwa go botlhe ba ba tshelang ka bogole.

Fa a bua ka go goroga sentle kwa bathong, o kaile fa go se bonolo mo dinakong tse dingwe ka gore BONELA ga e na diofisi kwa Palapye, selo se a kaileng se ama bodiredi le bokgoni jwa bone e le lekalana le le emetseng ditshwanelo tsa batho.

Kgosi Samuel Maforaga wa Kgotla ya Serorome kwa Palapye o ne a solofetsa BONELA ofisi e ba ka e dirisang fa ba batla go bula kwa Palapye gore banni ba kgone go akola ditirelo tsa bone. 

Kgosi Tlhabologo Pobetsi wa Matlhakola ene o kopile Mme Gareitsanye go leka go goroga kwa metseng e e dikaganyeditseng Palapye go anamisa le go gasa molaetsa kwa bathong ba ba kgakala gore ba tle ba itse BONELA le ditirelo tsa yone  

Fa a ba kgwa dikgaba, Mme Gareitsanye a re go ka tswa go se ka fa molaong go aba dikausu kwa dikgolegelong, mme BONELA e rotloetsa tiriso ya dikausu kwa dikgolegelong ka go supagetse fa borre bangwe ba ba mo dikgolegelong ba tlhakanela dikobo.

O rotloeditse bomme le borre go ikuela kwa go ba sepodise ka kgokgontshong epe fela e e dirwang mo go bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : PALAPYE

Event : Ithutuntsho

Date : 20 Aug 2018