Breaking News

Ba gwanta kgatlhanong le dipolao

20 Aug 2018

E ne ya re bosheng banni ba Maun ba tshwara mogwanto kgatlhanong le dipolaano tsa bakapelo kwa Maun ka Matlhatso.

Le fa tshologelo ya mogwanto oo e ne e sa kgotsofatse, morulaganyi wa one, Rre Dennis Mpofu o supile fa maikaelelo e ne e le go tsibosa batho kgatlhanong le dipolaano tsa baratani tse di apereng lefatshe leno.

Rre Mpofu o supile gape fa a na le thulaganyo ya go rutuntsha bana, bogolo jang ba basimane go ikgapha mo kgokgontshong ya bong.

O supile fa seo se ka nna le seabe se segolo mo go fokotseng kgokgontsho ya bong. 

O tlhalositse fa thulagnyo eo e simolotse kwa sekoleng se segolwane sa Tshwaragano kwa Maun mme morago e tlaa atolosiwa le dikole tse dingwe.

A re maikaelelo ke gore bana ba ba rutilweng, ba rute ba bangwe ka bana ba ithuta botoka mo go ba bangwe.

Moeteledipele wa komiti ya sekole e bile e le moithuti, Terence Japi o supile fa kgokgontsho e ama bana thata le itsholelo ya lefatshe tota.

A re bana ba sala e le masiela morago ga go tlhokafalelwa ke batsadi ka lebaka la kgokgontsho ya bong mme ba tshwanelwe ke go tlamelwa ke puso.

Moithuti yoo, a re bomme le bone ba dire ka gotlhe go dibela go tswa ditlhabelo tsa kgokgontso.

Moithuti yo mongwe wa leleloko la komiti, Golebaone Mokweeno a re go supa fa bontsi jwa dipolaano tsa baratani di bakwa ke borre mo go bomme, a re seo se a tshwenya ka bomme ke bone thari ya setshaba.

Golebaone o kgothaditse batsadi go kgalemela bana ba bone gore ba emise go inyadisa, ka go lebega dikgokgontsho tse dingwe di le mo botsalanong jwa go nna jalo e bile batsadi ba itse fela go setse go diragetse matlhotlhapelo.

Mogwe wa batsena mogwanto, Mme Kapande Sewelo ene o kgothaditse banana go nna ditsala le batsadi ba bone le barutabana bogolo jang ba bagakolodi.

A re seo se ka thusa go hema dipolaano tsa baratani.

Mme Sewelo a re dikgakololo tsa batsadi di ka aga banana mme ba kgone go ka hema ditlamorago tsa tlhoka kutlwisisisano mo botsalanong jwa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Mogwanto

Date : 20 Aug 2018