Breaking News

Go bipa mpa ka mabele go senyetsa bana isago

19 Aug 2018

Ngwana fa a gola go solofelwa tse dintsi mo go ene, ka jalo o tshwanetse a nosediwa jaaka setlhare gore maungo a gagwe a tle a direle lefatshe leno.

Le gone gore batsadi ba tshwanetse ba leka ka bojotlhe go dira tse di molemo gore maungo ao a nne sekao lefatshe lotlhe.

Ka jalo, modiri wa boipelego go tswa kwa lekgotleng la Women Against Rape, Rre Baleseng James o supile fa ba tshwenngwa ke batsadi ba ba iseng ba lemoge botlhokwa jwa go nosetsa ngwana, ba ba setseng ba bipa mpa ka mabele fa go tla mo dikgannyeng tse di amang bana ba bone.

Mo potsolosong le BOPA bosheng, Rre James o kaile fa ba tshwenyegile ka dikgang tse di amang banana jaaka boimana, kgokgontsho tse a reng di golela pele mme batsadi ba nna fela ba sa bege dikang tsa go nna jalo.

Rre James o kgadile se a sa kgwe mathe, a re mokgwa oo wa go bipa mpa ka mabele, o dira jalo go senyetsa bana bokamoso. 

A re fa kgang e begilwe, dikgato tse di tsewang e nna thuto mo bontsing, mme seo se fokotse dipalo tsa go nna jalo. 

A re dikgang tsa kgokgontsho ya bana ba basetsana, segolo bogolo ba ba imisiwang ba le ka fa tlase ga dingwaga di dintsi mo kgaolong ya bone, a re dikgang tsa go nna jalo di a tshwenya thata a kopa batsadi go ema makgotla a bone nokeng go lwantsha dikgang tsa go nna jalo gore bana banne le bokamoso jo bo siameng.

“Rona kwano ga re na dipalo mo nakong ya gompieno, mme re lemogile fa dikgang tse di tshwenyang thata e le tsa boimana jwa banana. 

Ke kopa batsadi gore ba begele ba makgotla a ditshwanelo tsa batho le mapodisi ka gore go dira jalo go ka thusa go rarabolola selelo se re leng mo go sone,” ga tlhalosa Rre James.

A re go bega dikgang fela fa di tloga, go ka thusa gore ba kgone go oba lore lo sale metsi, ka jalo go thuse gore bokamoso jwa ngwana bo nne jo bo siameng.

Rre James a re ba lemogile gore batsadi ka bontsi ba rata dikgang tse di rarabololwang mo malwapeng, a re go dira jalo ga go thuse sepe. 

O ne a tlhalosa fa go na le batho ba ba rutetsweng dikgang tsa go nna jalo, ba ba sidilang ngwana maikutlo, ba nna fa fatshe ba bue le ene le go mo gakolola selo se a reng se bereketse ba bantsi fela thata.

Rre James a re nako tse dingwe batsadi ba ba tswang mo malwapeng a a tlhokileng lesego ba tshaba go bega kgang fa e le gore e ama ba ba tswang mo lwapeng le le botoka, ba akanya gore fa ba dira jalo ba tla a tshela mo lelwapeng la go nna jalo mme ba lebala gore ba senyetsa ngwana wa bone bokamoso.

A re ngwao ke kgang e e masisi gape e farologane, e bile ba dumela fa ngwao e le botlhokwa, mme o kopile batsadi go tshegetsa ngwao tsa bone mme gape ba seka ba iphitlha ka ngwao.

“Go botlhokwa gore motsadi a direle ngwana wa gagwe tse di molemo gore kamoso a tle a ikgantshe ka ene, ka gore go godisa ngwana yo kamoso a nnang sekao mo bontsing go a itumedisa,” ga bua Rre James. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2018