Breaking News

Lephata le alosa baroki

19 Aug 2018

Lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba le alositse bomme ba le masome mabedi le bosupa morago ga go wetsa dithuto tsa go roka kwa Nlapkhwane, e le ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma. 

Bomme ba, ba tswa mo metseng e e farologaneng ya Bokone Botlhaba, e akaretsa Kgari, Ditladi, Makaleng, Nlapkhwane le e mengwe.

Baroki ba, ba inaakantse le go roka mesese ya bomme ya ngwao, paka ya sekole, dikobo, dibeke tsa leteisi le tse dingwe. 

Moemedi wa ba boipelego mo kgaolong, Mme Rosinah Maoba, a re baithuti ba amule go le gontsi mo ithutuntshong e ba ntseng ba le mo go yone ya dibeke tse thataro. 

A re ba rutilwe go roka ba dirisa metshine e e dirisang motlakase ga mmogo le go roka dilwana tse di nang le boleng gore di kgone go ngoka bareki.

O ne a ba kgothatsa go tswelela ba bereka ka natla fela jaaka ba ntse ba dira mo ithutuntshong ya bone, le go ipapatsa gore ba kgone go itshetsa. 

E rile a tswa la gagwe Kgosi Mukani Mudongo wa Nlapkhwane a gwetlha bomme ba gore ba batle dikitso mo go ba ba kileng ba thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma go tsaya maele.

“Dipampiri tsa dikgang di botlhokwa, Ka jalo le di baleng le tsee maele mo go ba ba gatileng fa le gatang teng gompieno. Le ka ithuta le gore le ka ipapatsa jang go kgatlha baji-bareki,” ga bua Kgosi Mudongo. 

Kgosi Mudongo o lebogetse tshwetso e puso e e tsereng go tlhatlhelela bomme ntswa bangwe mo go bone e le bagodi. 

O tsweletse ka go ba lemotsha gore ba ka atlega mo go tsotlhe tse ba eletsang go di dira mo botshelong fela fa ba ka bereka ka botswapelo le bopelotelele.

Mongwe wa baithuti Mme Chawangwa Aron go tswa Kgari, o lebogetse bopelotelele jwa barutabana le bomme ba ba neng ba ba thusa.

O ne a akgola boeteledipele jwa Nlapkhwane botho jwa bone, ka ba ba amogetse ka matsogo oo mabedi. 

O tlhalositse fa puso e dira go le gontsi go thusa ba ba sa kgonang go ya dikoleng go annywa botsipa jwa go itirela ka diatla, ka jalo a lebogela lenaneo le. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tiny Manyepedza

Location : NLAPKHWANE

Event : Kaloso Baithuti

Date : 19 Aug 2018