Breaking News

Mogolwane o kgothatsa banana

19 Aug 2018

Moeteledipele wa lekgotla la tsamaiso ditlhopho mo Selebi Phikwe Mme Christina Sesinyi o kgothaditse banana ba toropo ya Selebi Phikwe  go tsaya karolo mo ditlhophong ka e le yone tsela e ba ka supang dikeletso tsa bone. 

Mme Sesinyi o buile jaana kwa phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla leo le banana bosheng go ba tlhatlhelela ka mosola wa go tsaya karolo mo ditlhophong.

O supile fa banana e le bone ba leng bantsi mo lefatsheng ka bophara mme se se raya gore ke bone baeteledipele ba nako ya gompieno e bile ba na le thata le bokgoni jwa go dira pharologanyo mo tsamaisong ya lefatshe. 

A re maikaelelo a lekgotla la tsamaiso ditlhopho  ke go ruta batho  bogolo jang banana ka tsamaiso ya ditlhopho le ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng ka nako ya ditlhopho. 

Mme Sesinyi a re ba lemogile  botlhokwa jwa go ikopanya le baeteledipele ba dikereke gore molaetsa o kgone go goroga kwa dikerekeng ka di na le dipalo tse dintsi tsa balatedi. 

O ne a supa fa dikereke dingwe di le kgatlhanong le sepolotiki ba dumela gore ga se ka fa tsamaisong. 

Mme Sesinyi a re dingwao dingwe le tsone ga di letlelele batho go inaakanya le sepolotiki mme a tlhagisa fa se, se sa letlelelwe e bile batho ba go nna jalo ba ka tseelwa dikgato. 

A re molao-motheo wa Botswana o letlelela gore motho mongwe le mongwe o ka tsaya karolo mo ditlhophong.

E ntse e le kwa bokopanong joo Moruti Enock Basimolodi wa Unity House Ministries, o ne a kgothatsa banana go supa dikeletso tsa bone  ka go ikwadisetsa ditlhopho.

O supile fa go sena ka fa lentswe la bone le ka utlwalang ka teng kwa ntle ga go tlhopha. 

A re tsamaiso ya batho ka batho e rotloediwa ke tlhopho ya batho mme fa tlhopho e seyo puso ya batho ka batho ga e na boleng.

Mokhansela wa kgaolwana ya Thakadiawa mo Selebi Phikwe Mme Evelyn Kgodungwe o ne a supa fa ba lekgotla la tsamaiso ditlhopho ba dira tiro e ntle go nna ba ruta le go tsibosa batho ka mosola wa ditlhopho ka e le yone fela tsela e motho a ka supang dikeletso tsa gagwe ka yone.

Mme Kgodungwe o ne a kgothatsa banana gore ba seka ba letlelela bontlhopheng go ba dirisa dilo tse di seng ka fa molaong mme a ba kgothatsa go ikwadisetsa ditlhopho gore lentswe la bone le utlwale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego

Date : 19 Aug 2018