Badirela puso ba kopiwa go goga le Tautona
19 Aug 2018
Mokwaledi mogolo mo ofising ya ga Tautona Rre Carter Morupisi o kopile badirela puso go netefatsa gore ba goga le Tautona Mokgweetsi Masisi mo maikaelelong a gagwe a go isa Botswana kwa pele.
O buile mafoko a mo bokopanong jwa gagwe le badirela puso ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa bosheng.
Rre Morupisi a re go botlhokwa gore badirela puso ba netefatse gore maikaelelo a ga Tautona Masisi a a atlega ka jaana e le bone ba isang ditlamelo kwa bathong.
O tlhalositse gore ba tshwanetse go itse gore dilo di tshwana le go tlhama ditiro ke dingwe tse ba tshwanetseng go itebaganya le tsone ka jaana puso e se kake ya kgona e le nosi.
O ne gape a gakolola batsena phuthego gore ba simolole go ntsha melawana e e ba paledisang go thusa setshaba ka nako, a tlatsa ka go re ditshwetso tse dingwe boeteledipele jwa maphata bo ka di tsaya fela bo sa die nako ka go di fetisetsa kwa Gaborone.
“Se se botlhokwa ka jaana se ka thusa kgaolo go nna le babeeletsi ba dikgwebo ba bantsi ba ba ka thusang mo go tlhameng diphatlha tsa mebereko,” Rre Morupisi a tlhalosa.
Mokwaledi mogolo o tlhaloseditse badirela puso gore ba tshwanetse go nna sekao mo pele ga setshaba, ba le mo tirong le kwa ntle ga tiro.
A re se se botlhokwa ka gore se ka tsenya mowa o o siameng mo baneng ba ba tswang kwa tlase mme ba felele ba nna motlotlo ka ditiro tse ba di berekang.
Mo go tse dingwe Rre Morupisi o tlhalositse fa badirela puso ba sa tshwanela go tlhopha mo ditlhophong tsa peo lotlhokwa mme a re ba gololesegile go nna le dikarata tsa diphati tsa sepolotiki tse ba di ratang.
O boleletse phuthego eo gape gore ke maikaelelo a puso gore banyalani ba berekele mo kgaolong e le nngwe fa go kgonegang teng.
Badirela puso ba ne ba supa fa ba itumelela tshwetso eo mme ba supa dingongora di tshwana le go nnela ruri mo kgaolong e le nngwe.
Ba kopile gape gore puso e sekaseke madi a malala ntle ka jaana a le kwa tlase, ba re fa a ka okediwa a ka bolokela puso madi a mantsi a a dirisiwang mo dihoteleng.
Rre Morupisi o supile fa dingongorego tsa bone di tlaa arajwa mme a gatelela gore ba netefatse gore maikaelelo a ga Tautona Masisi a a diragala a go dira Botswana lefatshe le le kgatlhang bagwebi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Bokopano
Date : 19 Aug 2018



