Breaking News

Banana ba rotloediwa go ikgapha mo nnotaging

19 Aug 2018

Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa Letlhakeng o rotloeditse banana go ikgapha le go fokotsa tiriso ya dino-tagi ka di le diphatsa e bile di sa siamela matshelo a bone.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Gaoonwe a re o itemogetse gore banana ba dirisa dino-tagi mme morago ba felele ba tlhoka boikarabelo ba bo ba felela ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka go tlhoka botho ga mmogo le dintwa tse di kgonang go baka dintsho.

A re selo se se mo swabisitseng nko go feta molomo ke gore ngwao ga e sa tlhole e salwa morago mo motseng oo. 

O tlhalositse fa pele e ne e le moila go fitlhela banana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi mo marekisetsong a dino tagi ba itisitse le batsadi.

Kgosi o supile fa banana ba tshwarisitse batsadi bothata ka ba sa tlhole ba laolesega, segolo bogolo bana ba basetsana ba a supileng fa dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone di le kwa go dimo fa ba ntse ba tsamaya masigo.

O ne a rotloetsa banana go emela matshelo a bone ka dinao, ka go se ope yo o ka a fetolang ntle le bone, a re banana ba tshwanetse go inaakanya le mananeo a puso a go simolola dikgwebo. 

O supile fa go nna le dikgwebo go ka thusa banana go ikgapha mo ditirong tse di tshwanang le dino -tagi ka nako e ntsi ba tlaabo ba e dirisa go tlhokomela dikgwebo tseo.

Kgosi Gaoonwe o ne a kopa bagwebi ba marekisetso a dino-tagi go obamela dinako tsa thekiso go leka go hema botlhoka tsebe jo bo diragalang ko one.

O kopile bagwebi ba o go fokotsa modumo, ka o tlhokisa batho boroko e bile o kgoreletsa le bana ba dikolo go ithuta.

Bangwe ba banni ba motse ba re tiriso ya dino-tagi mo bananeng e ile magoletsa mme e felela e tlhokisa bone boroko.

Ba supile fa badirisi ba dino-tagi ba siela mo malwapeng a bone fa dintwa di simologa kwa marekisetsong, ba re se se ba tshwentseng le go feta e bile se le borai.

Ba ne ba ngongorega thata ka modumo o o ileng magoletsa ba re o kgoreletsa bana go dira tiro ya sekole. 

Banni ba ne ba kopa puso go thusa go leka go hema seemo seo ka se sa siamela motse wa bone, e bile se se ngomolang pelo se diragadiwa ke banana ba e leng bone bokamoso jwa lefatshe.

E ne ya re a bua mo potsolotsong, Mothusa ramapodisi wa Letlhakeng, Superintendent Moses Morolong, a supa fa sepodisi se leka ka bojotlhe go hema tiriso ya dino-tagi go akaretsa banwi ga mmogo le bagwebi.

O tlhalositse fa lekalana leo le ntshitse mapodisi a a tsamaya bosigo go bona gore marekisetso a tswalwa ka nako, a tlatsa ka gore nako tse dingwe ba kgona go fitlhela bangwe ba bagwebi ba ikokeleditse nako ya go gweba mme ba ba atlhole madi a a ka tshwarang P1 000.

Rre Morolong o kaile fa nako le nako ba tshwara dithuto puisanyo le bagwebi go amogana le bone ka fa ba tshwanetseng go tlhokomela, go sireletsa ga mmogo le go tsamaisa dikgwebo tsa bone kaq teng.

Le fa go ntse jalo, o ne a kgala badirisi ba dino-tagi ka go tlhoka boikarabelo ga bone mme morago go felele go rwesiwa bagwebi molato. 

O supile fa ditiragalo di le dintsi di akaretsa go tlhokelana maitseo ga mmogo le dintwa tse di felelang di baka dintsho di diragala kwa ntle ga marekisetso ka dinako tsa pereko.

A re nako tse dingwe bagwebi ba rwesiwe molato ka magatwe a gore ba gweba morago ga nako e e ka fa molaong. ENDS

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2018