Breaking News

Tshwaragano le sepodisi e ka tsisa phenyo

19 Aug 2018

Mookamela mapodisi a kgaolo ya District No.1 Senior Superintendent Nkwebi Chilisa o kgothaditse morafe wa Tati Siding go nna le tshwaragano e e nitameng le mapodisi mo dikgannyeng tsa borukutlhi go leka go di fedisa.

O dirile kgothatso eo mo phuthegong ya kgotla e maikaelelo a yone e neng e le go tla go buisana le morafe go tswa ka megopolo le methale ya sennela ruri e e ka thusang go lwantsha borukutlhi.

Senior Supt Chilisa o tlhalositse fa kgaolo ya gagwe e aname mme e bile gape e dikaganyeditswe ke meraka, ka jalo a supa fa e le ba sepodisi ba tshwere phage ka mangana ka dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di begwang gangwe le gape

A re go utswiwa ga loruo go gakadiwa ke go bo barui bangwe ba kgaolo ba leseletsa loruo lwa bone go nna lo le losi kwa merakeng le kwa mafulong, kgotsa leruo le nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya modisa sebaka se se leele ntleng le tlhokomelo ya mong wa lone.

Selo se ka bo sone o tlhalositse fa se rotloetsa go utswiwa ga loruo, ka a re se fa magodu a loruo sebaka sa go utswa ka fa ka  ba kgonang ka teng.

Senior Supt Chilisa o ne supa matshwenyego ka barui ba ba santseng ba na le mokgwa wa go thapa batswakwa go ba disetsa, segolo bogolo ba ba senang diteseletso tsa go tsena mo lefatsheng le go direla mo lefatsheng leno.

O ne gape a tlhalosa fa gangwe le gape ba itemogela fa motlhala wa loruo lo lo utswiwang lo felelela kwa bagwebing ba marekisetso a nama, ga mmogo le bangwe ba ba gwebang ka go rekisa dijo.

E ne ya re fa a tswa la gagwe, Rre Ndumo James a tshwaela fa bogodu jwa loruo bo keketse mme  e bile le bone e le barui ba setse ba robala itlho kgomo ntateng ya go utswiwa ga leruo.

Fela mme o ne a ntsha mogopolo wa gore ekete go ka busediwa tiriso ya Omang wa ruong go na le manyena ka motho a kgona go a ntsha motlhofo go itsenyetsa a gagwe.

O tlhalositse gore ka nako ya tiriso ya Omang wa dikgomo, dikgang tsa go utswiwa ga loruo di ne di se dintsi mme mo nakong eno e le matlhotlha pelo mo baruing.

Fa a iteela kobo moroko, Kgosi France Molalo wa kgotlana ya Mmoroso o ne a kopa gore letamo la Shashe le barui ka bontsi ba kgaolo e ba nosang leruo la bone teng le teratelelwa le nne le tsamaiso e e faphegileng go ka nosa leruo.

A re loruo lo nyelela gone kwa tamong eo, mme a tlhalosa fa dingwe tsa dilalome tsa magodu a leruo di lalela leruo teng.

Fa a tsibogela dikakgelo tse, Senior Supt Chilisa o ne a ba gakolola gore ba bope ditlhopha tsa barui tse ba ka di dirisang go bua ka lentswe le le lengwe gore megopolo ya bone e utlwale.

O tlhalositse fa ba tshwanetse ba buisana le ba ba lebaneng jaaka ba matlhoko a loruo go seka seka kgang e ka mo go tseneletseng mme o ne a atla mogopolo oo a re ka one o ka thusa gore ba itsane botoka gore dikgomo tsa ga semang mang ke dife e bile di wela leng kwa nokeng. 

Gape o ne a tlatsa ka go ba kopa gore fa e le barui ba le mo thoteng e le nngwe ba itsane le loruo lwa bone gore ka nako e motho mongwe a lekang go utswa loruo ba kgone go mo lemoga botoka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TATI SIDING

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 19 Aug 2018