Mokgatlho o berekela Gakuto
19 Aug 2018
Mokgatlho wa Bagogi Support Group kwa Gakuto o tsweletse ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le go ba fa tsholofelo ka matshelo a bone.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa mokgatlho oo, Mme Chandapiwa Mafa a re o tlhamilwe dingwaga tse nne tse di fetileng ka maikaelelo a go thusa ba-na-le bogole, masiela, bagodi le bana ba itsholelo e e kwa tlase mo Gakuto le metse e e mabapi.
A re mokgatlho oo ka o ikemetse ka nosi e bile osa dire madi ka sepe, o tsamaisiwa ka madi le dithuso tsa bopelotlhomogi go tswa mo dikomponeng di akaretsa dijo, diaparo le didirisiwa di tshwana malao, ditafole le tse dingwe.
Mme Mafa a re mo nakong ya gompieno, mokgatlho oo o tlhokomela bana ba le lesome le bosupa ba dingwaga tse di magareng ga bongwe le lesome le bosupa ebile ba nna kwa lefelong la one.
A re bana bao ba filwe boroko gore ba nne kwa lefelong leo ka ba tswa kwa malwapeng a a farologaneng ka diemo tsa itsholelo.
A re bana bao ba fiwa dijo le diaparo ga mmogo le thuto, e bile ba rutwa botlhokwa jwa go amogela diemo tsa botshelo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone le go fiwa lerato le tsholofelo gore ba seka ba inyatsa mo botshelong, go sa kgatlhalesege gore batswa mo diemong tse dintseng jang.
Le fa go ntse jalo, Mme Mafa a re mokgatlho wa bone o tsweletse ka go dira ditiro di le mmalwa di tshwana mogwanto o o duelelwang, khupelekhupele le tse dingwe e le nngwe tsela ya go kgobokanya madi a go aga lefelo la bone la bonno ka mo nakong ya gompieno ba hirisitse.
A re letlhoko la madi le ba itsa go dira ditiro dingwe tsa tsatsi le letsatsi tse di tsamaisang lefelo.
Mme Mafa a re kgwetlho e nngwe ke letlhoko la metsi le le amileng Gakuto.
A re tanka ya bone ga e a lekana go ba namola ka jaana bana ba tshwanetse go tlhapa, go apeelwa, le go tlhatswa.
A re keletso ya bone ke gore mokgatlho oo o gole mme o tswelele ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, go fetola matshelo a bone ga mmogo le go rotloetsa go ntshetsa ba-na-le bogole kwa ntle go na le go ba fitlha ba bo ba sa bone dithuso.
O lebogile morafe wa Gakuto ka dithuso tse di farologaneng, selo se a reng se thusitse mokgatlho go gola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : GAKUTO
Event : Potsolotso
Date : 19 Aug 2018



