Bakgatla ba gakologelwa kgwedi ya Phatwe
19 Aug 2018
Kgwedi ya Phatwe e bolelwa e humile ditso tsa tlholego ya Bakgatla.
Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Segale Linchwe o boletse fa Phatwe a tletse khutsafalo mo Bakgatleng ba ga Kgafela ka kgosi ya bone Kgosi Kgamanyane a ne a kgwathisiwa dithupa tse di masome mabedi le borataro ke monna wa mosweu yo o neng a bidiwa Paul Kruger.
A re Kruger o ne a kgwathisetsa Kgosi Kgamayane gore o ne a gana ka Bakgatla gore ba ye go berekela lefela go aga letamo la Mphebatho kwa Moruleng.
Kgosi a re se, se ne sa seka sa mo tsaya sentle gore batho ba gagwe ba bereke go sena dituelo, mme ga baka gore a ba tseele dithupa mo go Kruger.
“E rile Bakgatla ba bona kgosi wa bone a kgwathisiwa ba hutsafala, mme ba tsaya tshwetso ya go fuduga kwa Moruleng,” ga tlhalosa Kgosi Segale.
A re go yeng ka ditso, ka 1869 beke ya ntlha ya Phatwe, Bakgatla ba ne ba phutha tse e leng tsa bone ba furalela motse wa Moruleng.
A re mo phudugong ya bone, ba ne ba kopana le dikgwetlho jaaka go tlhaelelwa ke dijo le metsi mo tseleng mme ba seka ba ineela.
Kgosi Segale a re Phatwe o ne a tlotlwa thata ke Kgosi Linchwe I yo o neng a bone fa rragwe a kgwathisiwa.
“Ga twe e ne e re fa o dirile molato e bile o lebanwe ke go kgwathisiwa, a go itshwarele ka a ne a dumela fa Kgosi Kgamanyane a ba tseetse dithupa tseo,” ga bua Kgosi Segale.
A re kereke ya Dutch Reformed e ne e gopola kgwedi ya Phatwe ka go tshwara segopotso e bile ba rotloetsa morafe go itshwarelana le gore go rene kagiso mo motseng.
A re go gakologelwa kutlobotlhoko ya kgwedi ya Phatwe go ne ga felela ka 1930 ka ba ba neng ba tla fa morago ba ne ba latlha motlhala wa go le gopola.
Kgosi Segale a re thuto ya mofuta o e botlhokwa mo kokomaneng ya segompieno ka e ba thusa go anya dithuto le ditso tsa Sekgatla gore ba di somarele, ba tle ba kgone go di arogana le dikokomane tse dingwe tse di tlaa tlang.
Kgosi Segale o ne a tswelela a tlhalosa fa kgwedi ya Phatwe e le kgwedi e go tshwanentseng ga rena kagiso mo motseng ka ba gopola khutsafalo e ba kileng ba e ralala e le morafe.
A re mo kgweding e go tshwanetse ga itshwarelanwa melato, go tila mewa e e makgaphila e e tshwanang le dipolao gore di seka tsa diragala.
A re ba ntlo ya ditso ya Phuthadikobo le ba ngwao e e sa tshwaregeng ba mo dipuisanyong le Kgosikgolo gore e re ngwaga o o tlang ba tshware segopotso sa kgwedi ya Phatwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 19 Aug 2018



