Breaking News

Mhalapitsa o tsabakela ka bophepa

16 Aug 2018

Kgosi Bompoetse Gotshwanetse wa Mhalapitsa mo kgaolong ya Tswapong Borwa o tlotlomaditse lenaneo la Ipelegeng go bo le tsweletse ka go dira bontle mabapi le bophepa. 

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Gotshwanetse o ne a supa fa motse wa gagwe o ne wa gapa maemo a bobedi mo dikgaisanyong tsa phepafatso metse tsa monongwaga mo kgaolong-potlana ya Mahalapye. 

Kgosi Gotshwanetse a re sekgele se se tsile ntateng ya tirisano mmogo ya babereki ba Ipelegeng le bogogi jwa motse.

O ne gape a tlhalosa fa tirisano mmogo ya bone e nontsha pelo e bile e ba kgontsha go bereka ka botswapelo le bokgabane mo tirong ya bone. 

Mhalapitsa o ikgapetse seetsele le P1 000, maduo a go kailweng a tlaa tiisa banni moko le go feta. 

A re lenaneo la Ipelegeng le thusitse go kgaola ditlhare tse di sa tlhokafaleng fa gare ga motse, go sela matlakala, go phepafatsa ditsela le mafelo a go nang le diofisi tsa maphata a puso ka go farologana. 

A re go tsaya maemo a bobedi mo dikgaisanyong tseo go ba kgothaditse gore ba tswelele ka go tokafatsa bophepa jwa motse, ka jalo a kopa morafe wa Mhalapitsa ka kakaretso go tswa thuso babereki ba ipelegeng mo tirong ya go phepafatsa motse. 

E re ka go twe mosele wa pula o epiwa go sale nako, Kgosi Gotshwanetse a re ke nako ya gore morafe o eme ka dinao go thusa babereki ba Ipelegeng, a supa fa maikaelelo magolo e le go gapa maemo a ntlha ngwaga o o latelang. “E re ntswa re dirile sentle mo dikgaisanyong tse di sa tswang go wela, ke ’bete se molangwana ka bangwe ba ba sa tsenyeng letsogo mo go phepafatseng motse. 

Fa ke bua ka gore go nne phepa mo motseng, bangwe ga ba ntsee tsia” a bua jalo. 

O tlhalositse fa a tshwentswe ke go bo bangwe barui ba santse ba ruela mo motseng a supa fa masaka a leruo a leswafatsa tikologo ka motshetelo. 

Kgosi Gotshwanetse a re motse o o phepa o na le bokgoni jwa go ngoka bajanala mo motseng selo se a tlhalositseng fa se ka fetola itsholelo ya motse. 

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya botsogo mo Mhalapitsa, Mme Gabonkgope Morgan a re babereki ba Ipelegeng ba lole ntwa e kgolo mo dikgaisanyong tsa phepafatso lefatshe mme a ba phophotha legetla. 

A re badiri ba Ipelegeng ba ne ba tsentse moko nameng mo phepafatsong ya motse segolo bogolo mo go seleng matlakala a tshwana le dipolasitiki le dipampiri. 

“Go na le bangwe ba ba santseng ba gana go bereka le motse ka jalo ke ba gwetlha gore ba eme ka dinao mo go phepafatseng motse re direle motse wa rona leina” a bua jalo. 

A re go mo maruding a morafe wa Mhalapitsa go etela metse e e dirileng sentle mo dikgaisanyong tsa phepafatso go tsaya malebela. 

Mme Morgan a re e le komiti ya tsa botsogo, gangwe le gape fa go tla mo phepafatsong ya motse ba rotloetsa banni ba motse go busetsa matlakala a tshwana le dikhakha mo tirisong.

A re ba ka kgona seo ka go dira dilwana tse ba ka obang letsogo ka tsone di tshwana le go loga didirisiwa tsa mo malwapeng le mekgabisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : MHALAPITSA

Event : potsolotso

Date : 16 Aug 2018