Ditiro tsa bojalana di saletse kwa morago
16 Aug 2018
Metse ka go farologana e tsweletse ka go tuma ka mafelo a bojalana ga mmogo le go a nwa moro, mme metse e mengwe yone e santse e lebanwe ke kgwetlho ya go ipelafatsa ka di-tsa tlholego tse di bonwang kwa go yone.
Komiti ya ditlhabololo ya Lentsweletau e lela ka ditiro tsa bojalana tse di saletseng kwa morago ka lebaka la tlhaelo ya madi le tse di dingwe.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, leloko la komiti ya VDC, Mme Metsiatsile Poitshego a re motse oo, o na le mafelo a bojanala a le mmalwa mme ka letlhoko la madi le ile magoletsa go a pala gore ba tlhabolole mafelo ao.
A re Lentsweletau o motona e bile o dikaganyeditswe ke dithaba tse di tona, ka jalo o kabo o tumile ka bojanala.
Mme Poitshego a re go na le lefelo la bojanala la Ledu, kwa a tlhalosang gore ke lefelo le letona fela thata e bile le dikaganyaditswe ke metsi a a sekeng a kgala mme ka go tlhoka lesego go a pala gore ba tlhabolole lefelo leo le go le dira la bojanala.
A re lefelo leo gape le na le di-tsa tlholego di tshwana le mekgabisa ya ditshwantsho ga mmogo le diphologolo tsa naga.
Gape a re lefelo leo, le na le lehuti le le medileng ditlhare tsa naga ga mmogo le motswedi wa metsi.
Mme Poitshego a re maiteko a bone a go tlhabolola lefelo leo gore le nne mo seemong sa bojalana a santse a saletse kwa morago ka ba na le letlhoko la madi.
A re bojanala bo mosola ka bo ka tlhamela banana ba motse oo mebereko.
Gape a re bojanala bo ka ngoka bagwebi mme seo se tsise ditlhabololo mo motseng.
O tlhalositse gore le one madi a bojanala a ka dirisiwa mo ditirong tsa go tlhabolola motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : LENTSWELETAU
Event : potsolotso
Date : 16 Aug 2018



