Breaking News

Lenaneo la nyeletso lehuma le tshegeditse ba Mhalapitsa

16 Aug 2018

Rre Michael Moshabi (43) wa Mhalapitsa yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma o inaakantse le temo ya merogo go shabisa ba Mhalapitsa. 

Mo loetong lwa BOPA go leba kwa tshingwaneng ya merogo ya ga Rre Moshabi ka thuso ya boeteledipele jwa Mhalapitsa e leng Kgosi Bompoetse Gotshwanetse le mothusa mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kebalebile Kedidimetse, go supagetse fa ba Mhalapitsa ba ipelafatsa ka botlhaga le boineelo jwa ga Rre Moshabi mo temong ya merogo. 

“E tlaa re re tsena kwa tshingwaneng ya gagwe o bone gore tota o tshwere ka natla. Maloba molemisi wa kgaolo ya rona a le mo kgotleng a re gwetlha gore re rotloetse Rre Moshabi mme e bile e nne sekgantshwane mo go rona, a supa fa monongwaga a gapile maemo a ntlha mo ditshupong tsa kgaolo-potlana ya Mahalapye tse di neng di itebagantse le ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma,” ga tlhalosa jalo Mme Kedidimetse.

Fa a bua mo potsolotsong, Rre Moshabi a re ngwaga wa 2011 e ne e le tshegofatso e kgolo mo botshelong jwa gagwe ka e ne e le nako ya fa a utlwa gore puso e otlolotse letsogo ka mananeo a a farologaneng a maikaelelo a one e leng go ntsha Batswana mo lehumeng le go bona gore seemo sa itsholelo ya bone se a tokafala. 

“Tota nna lenaneo la nyeletso lehuma le ke neng ka nna le kgatlhego e ntsi thata mo go lone e ne e le temo ya merogo. 

Ke ne ke dumela gore nka dira botoka mo temong ya merogo ka ke tswa bonyaneng ke rata temo mme ebile ke tswa mo lelwapeng le le ikaegileng ka temo” a tlhalosa jalo. 

E re ka go twe Modimo ga a je nkabo, Rre Moshabi e ne ya nna mongwe wa ba ba neng ba latswiwa ke tlhware mo Mhalapitsa morago ga ditshekatsheko tse di neng tsa dirwa ke ba lephata la boipelego mo go ba ba neng ba tlhokana le thuso ya lenaneo la nyeletso lehuma.

A re morago ga ditshekatsheko tseo, ba ne ba rutuntshiwa ka temo ya merogo ke ba lephata la dijalo kwa Mahalapye mme ya re ka ngwaga wa 2015 ba thusiwa ka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang mo temong ya merogo. 

E re ntswa go na le dikgwetlho tse a di ralalang, tshingwana ya gagwe e e nang le dingwaga di le nne e dira, e aphophoma ka merogo mme ebile e jesa ba Mhalapitsa, Pilikwe, Maape le metse e e mabapi. 

“Ke leboga morafe wa Mhalapitsa go bo o rotloetsa kgwebo yame. Mo bogompienong ke dira dipoelo tse di nthusang go tsenya bongwanake ba bararo sekolo le go jesa ba lelwapa lame” a bua jalo. 

Rre Moshabi o lema merogo e tshwana le spinach, rape, beetroot, tamati le e mengwe, mme e bile a kabakantse tshingwana ya gagwe ka go lema maungo. 

O diragatsa mafoko a motlapele a a reng ‘mmatla kgomo kodumela o etse mhata sediba.

Rre Moshabi a re ka lemme le a le bolokang, toro ya gagwe ke go atolosa tshingwana ya gagwe ka a itemogetse gore morogo o na le dipoelo tse di bogadi bogaufi.

O galaleditse lenaneo la nyeletso lehuma, a supa fa tshingwana ya merogo e le yone ofisi ya gagwe e a tsogelang kwa go yone moso le moso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : MHALAPITSA

Event : loeto

Date : 16 Aug 2018