Breaking News

Bogodu mo diofising tsa puso bo ile magoletsa

16 Aug 2018

 Badirela puso mo khanseleng-potlana ya Palapye (PAA) ba apesitswe kobo ka letshoba ke bogodu jwa go thujwa ga dikoloi le go utswiwa ga leokwane ka dinako tsa tiro le morago ga tiro maitsebowa. 

Se se utlwala jaana morago ga gore badirela puso ba ofisi ya ga molaodi ba thubelwe dikoloi motshegare wa sethoboloko fa ba le mo diofising ba theogetse, bosheng. 

Selo se se tsentseng bodiredi tsebetsebe ya go dira tiro ya bone basa wela maikutlo. 

Go thubilwe dikoloi di le pedi mme ga utswiwa dibeke tsa bomme di na le madi mo teng, tiraglo e e sa tlwaelesegang mo madirelong a khansele ya Palapye. 

E rile a bua le lekalana la dikgang ka tsiboso eo, mothusa molaodi wa kgaolwana-potlana ya PAA Mme Tshepiso Leepo o ne a tlhagisa gore babereki ba simolole go nna ba tswela kwa ntle go tlhola dikoloi tsa bone le go kgalema fa ba bona motho yo ba mmelaelang. 

E ne e setse e le tlwaelo gore bogodu jwa go gopiwa ga leokone mo dikoloing tsa puso bo diragala kgapetsakgapetsa morago ga tiro matsiboa, fa magotswana ao a ne a setse a dirile selo modiro ka go kgaola terata ya khansele mme ba tsene ba gope leokwane mo dikoloing tsa puso. 

Mme Leepo a re jaanong mo nakong eno ba tsile ka methale ya go bula dikoloi le go utswa mo go tsone motshegare bodiredi bo le mo diofising. 

Ditiragalo tseo tsotlhe di ne tsa begelwa mapodisi a Palapye, gape di diragala jaana go na le badisa dikago ba ba nnang kwa kgorwaneng e e tsenang mo diofising, mme ba tlheogela bosigo le motshegare. 

Mo nakong eno molaodi le mokwaledi wa khansele ba bone go buisana ka kgang eo go le botlhokwa gore tsela pedi go tsewe efe ka go lebega bogodu jo bo ile magoletsa e bile bo tsaya phekelo e sele. 

Tsholofelo ke gore bobedi joo bo kopane le mong wa kompone ya badisa dikago go tla ka tharabololo. 

Mo puisanyong le mongwe wa ba-tswa setlhabelo mo dikgannyeng tseo tsa go thujwa ga dikoloi Mme Gaolatlhe Radipolese wa dingwaga tse di masome matlhano a direla kwa ofising ya ga molaodi, o tlhalositse fa ene le modiri ka ene ba tseetswe makgolo a mane le botlhano a dipula  beke eno le dikarata tsotlhe tsa dibanka le boOmang.

Mme Radipolese a re ka lesego, morago ga go begela mapodisi kgang, go ne ga bonwa beke ya gagwe, mme karata ya banka yone ya seka ya bonala le madi.  

O tlhalositse fa beke eo e bonwe kwa kgotleng ya Boseja mo Palapye e latlhetswe mo molapong, mme ya selwa ke mofeti ka tsela mme a leletsa mong wa yone ka omang a ne a le mo teng le dipampiri tse dingwe tse di neng di supa megala ya mong. 

Dikgang tseo tshotlhe di ne tsa begelwa mapodisi a a santseng  a le mo ditlhotlhomisong. 

Le fa go ntse jalo molaodi o ne a gatelela gore batho ba seka ba nnela ruri mo diofising ba nne ba tswela kwa ntle go tlhola dikoloi tsa bone go fitlhelela seemo se boela mmanong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : potsolotso

Date : 16 Aug 2018