Go rekisa dijo tsa mophako ke molato
15 Aug 2018
Kgosi Basadi Seipone wa Kang a re o tshwenngwa ke batlhoki ba ba sa tshwareng dijo tsa mophako sentle.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Seipone o buile a sa kgwe mathe gore go tlhabisa ditlhong gore bangwe batlhoki ba rekisa dijo tsa mophako ka maikaelelo a go reka dinotagi.
A re batlhoki ba go nna jalo go le gantsi ba nwa dijo tseo.
Kgosi Seipone a re go botlhokwa gore botlhe ba ba thusiwang ke puso jaaka batlhoki, ba-na-le bogole le masiela ba tlhokomele lemmenyana le puso e ba thusang ka lone gore bana ba bone ba seka ba wela mo isong.
Kgosi o tlhalositse gore puso e dirisa madi a mantsi go neela ba ba amegang dithuso.
Kgosi o supile gore ba ba tlaa fitlhelwang ba rekisa dijo tseo ba tlaa tseelwa kgato.
A re le ba ba rekang dijo tseo ba tshwanetse go gagamadiwa phogwana ka ba rotloetsa mokgwa o o sa siamang mo sechabeng.
Kgosi Seipone a re go dira jalo ke bonweenwee le go gopela itsholelo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Seipone o lebogetse badiri ba boipelego ba kgaolo-potlana ya Hukuntsi go bo ba ne ba phuthile batlhoki, ba-na-le bogole, masiela ga mmogo le bagodi go ba ruta ka tiriso ya karata e e tsayang dijo tsa mophako ya Zebra.
A re selo seo ke maiteko a a tshwanetseng go iteelwa legofi ka go lebega thuto e ntse e tlhaela mo bangweng ba ba thusiwang ka mophako. ENDS
Source : BOPA
Author : Michael Matebele
Location : KANG
Event : Potsolotso
Date : 15 Aug 2018



