Breaking News

Magodu a apesitse Tatisiding kobo ka letshoba

15 Aug 2018

Borukutlhi jo bo golelang pele kwa Tati Siding bo tshwentse Kgosi Simon Nkgageng.

Kgosi Nkgageng o ntshitse matshwenyego a mo potsolotsong le BOPA bosheng, a supa fa dikgang tsa go thujwa ga matlo go tsentse tsebetsebe mo banning le mapodisi.

O tlhalositse fa ba itemogetse gore go thujwa matlo go batlwa dithoto tse di tshwanang le dithelebishini tse di sepapetla ga mmogo le go kgaolwa ga megala ya motlakase ya kopore.

Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa se se ngomolang pelo e le gore fa ba latedisa dikgang tse, ba itemogela gore banni bangwe ba na le kgolagano le batswakwa mo tshenyong e.

A re dirukutlhi tse, fa gongwe di itira jaaka badiri ba lephata la metsi kgotsa la motlakase.

Gape o gakolotse banni gore ba emise mokgwa wa go letlelela batho go tsena mo malwapeng a bone ba itira badiri ba lephata lefe fela.

A re go na le tsamaiso e e lolameng gore modiri ope fela wa lephata lepe a ka ya go dira ditirelo kwa malwapeng.

Kgosi Nkgageng o ne a rotloetsa banni go tsenya mo tirisong dikomiti tsa ntebele ke go lebele segolo bogolo fa ba seo mo malwapeng a bone.

A re mo maitekong a go itepatepanya le seemo se, badiri bangwe ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba sepodisi le ba sesole ba Tatisiding ba tlhamile mokgatlho go tla ka methale ya go fedisa borukutlhi.

Ke gone ka moo a neng a lebogela badiri bao go nna le mogopolo o, a re se ba se dirang ke sesupo sa gore ba lemoga fa go lwantsha borukutlhi e le maikarabelo a botlhe e seng mapodisi fela.

A re fa morafe o ka tshwaragana wa dira ka mowa o le mongwe go lwantsha borukutlhi mo motseng, go ka ba sologela molemo gore ba kgone go tshelela mo kagisong.

E re dikgang di eme jalo, Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa tirisanyo ya bone le ba sepodisi e le e e nametsang,a bolela fa ba tlaa tswelela ba dira ka gotlhe mo ba ka go kgonang go itepatepanya le go fedisa borukutlhi. ENDS

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TATISIDING

Event : Potsolotso

Date : 15 Aug 2018