Seakgano o paka lenaneo
15 Aug 2018
Batswana ba tsweletse ka go inaakanya le mananeo a puso ka go farologana go inamola mo lehumeng.
Fa a bua mo potsolotsong, Mme Mosetsana Seakgano a re o ne a na le keletso ya go nna morui mme ka a ne a sena se a nang naso go ka itshimololela kgwebo, o ne a ikgolaganya le ba ofisi ya Gender Affairs go kopa tsa madi.
Mme Seakgano a re gore kopo ya gagwe e atlege ka Motsheganong o ne a isiwa dithutong tsa botlhokwa jwa go boloka madi le go a dirisa ga mmogo le go tsamaisa kgwebo.
A re ba ne ba gakololwa gore ba seka ba reka ka madi otlhe, ba bee bontlha bongwe jwa one gore ba tle ba ipheme mathata fa leuba le ka ba tlhasela.
O tlhalositse fa e ne ya re a sena go thusiwa ka madi a reka didirisiwa di tshwana le jojo, diphoko tse nne, diphelehu tse pedi, dinku di le masome a mabedi le motso le dipodi di le masome a mabedi. Mme Seakgano o ne a gakolola bagolo gore ba seka ba itlhoboga fa ba kopa mananeo le go ikela kwa diofising go ya go itseela ka tsebe gore mananeo a bereka jang, e bile a supa fa kgwebo ya dihutshane e le bogadi bo gaufi.
O tlhalositse fa a ise a kopane le dikgwetlho tse dintsi ka ke gone a tlhatlhelang dihutshane, ka jalo a tlhalosa fa thuo ka kakaretso e angwa ke dikgwetlho di tshwana le dibatana jaaka bophokoje le bophiri, malwetse, leuba ga mmogo le bogodu.
A re maikaelelo a gagwe ke go atisa loruo gore lo tle lo mo tshetse, e bile a lebogela puso, maikaelelo a yone a go ntsha Batswana mo lehumeng le go fokotsa letlhoko la ditiro le le apesitseng lefatshe ka bophara ka go fa Batswana mananeo.
O rotloeditse Batswana ba ba mo dikgwebong go nna pelotelele le go fa dikgwebo tsa bone lorato. ENDS
Source : BOPA
Author : Khumoyame Laetsang
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 15 Aug 2018



