Breaking News

Ndaba o itshetsa ka bojang jwa motafolo

15 Aug 2018

Metsibotlhoko ke moraka o o welang ka fa tlase ga terata ya Ngwasha mme o le ka fa ntlheng ya borwa.

Banni ba tikologo eo ba ipela ka bojang jwa rantafole jo bo kitlaneng, bo kgatlhisa matlho e bile bo phaphasela naga yotlhe.

Gantsi bakgetli ba jone ba bo dirisa go rulela matlo ka jaana bo le bontle e bile bo tsaya lobaka go senyega.

Dikhamphani tsa mafelo a a tshwanang le diotele gantsi ba dirisa bojang jwa rantafole go rulela matlo a Setswana go ngoka leitlho la moreki.

Bakgetli ba jone ba re gantsi fa o ruletse ka rantafole o fitlhela ntlo ya teng e le tsiditsana e bile e lapolosa.

Bojang jwa Rantafole fela jaaka majang a mangwe, fa o bo kgetlile go batla o bo dirisa gone foo, e seng jalo o kabo khurumetsa ka sengwe kana o bo baya fa lefelong le bo ka sekeng jwa amiwa ke metsi gotlhelele go itsa gore bo senyege ka pela.

Gantsi ba ba bo bapalang o fitlhela ba phuthaganetse fa lefelong le le lengwe fela, ba bereka mmogo e bile ba thusana ka maele a go bo kgobokanya le go bo isa kwa mafelong a bone a a farologaneng.

Mme Dzose Ndaba wa dingwaga tse di masome matlhano le borataro go tswa Nata ke mongwe wa bakgetli ba rantafole e bile ga a ipone tsapa go dira jalo go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.

Mme Ndaba o na le bana ba babedi ba a neng a ba tsenya dikole le go ba rekela dijo le diaparo ka tiro ya gagwe ya go kgetla bojang a bo a bo rekisa.

O supa fa a simolotse go dira jalo dingwaga tse di masome a mabedi tse di fetileng.

Mme Ndaba a re o ne a kgothadiwa go dira jalo nako e a neng a kopane le bomme bangwe ba buisana ka go tokafatsa matshelo a bone.

O ne a seka a ipona tsapa mme a simolola go kgetla bojang go leka go thusa seemo sa botshelo jwa gagwe se se neng se faraferwe ke dikgwetlho.

Mme Ndaba o ne a simolola go kgetla bojang jo bo lekaneng go rulela matlo a gagwe mme morago a simolola go kgetla bojang jo a neng a bo rekisetsa batho ba metse e e farologaneng le dikhamphani.

O tlhalositse fa a ne a rekisetsa Rre mongwe wa madirelo yo a neng a tswa Maun ka madi a kanang ka P4 000.

A re fela jaaka tlwaelo, ngwaga le ngwaga fa kgosi a bulela morafe go ya go kgetla bojang, bontsi jwa bomme ga ba ipone tsapa go phuthegela kwa merakeng ya Metsibotlhoko go simolola tiro.

Mme Ndaba a re tiro e ya go kgetla bojang e ka dirwa ke mongwe le mongwe yo a itekanetseng go bereka ka diatla e bile a kgona go ema ka lobaka. O supile gape fa a rata tiro ya gagwe ya go kgetla bojang ka a tswa kgakala e le motho yo o setswerere, a bereka ka natla e bile a batla go tshegetsa maitlamo a gagwe a go tlhokomela lelwapa la gagwe ka madi a a a bonang morago ga go rekisa bojang.

Mme Ndaba a re matshwenyego a a ba apereng fa ba le mo tirong ya bone ke go tlhaela ga didirisiwa jaaka matlwana a boiteketso ga mmogo le go tlhoka go lekolwa ke ba botsogo kwa lefelong le ba phuthaganelang teng.

O ne a supa gape kgwetlho ya tlhaelo ya metsi ka jaana ba tshwanelwa ke go kopa mo didibeng tsa meraka e ba bapileng nayo.

Le fa go ntse jalo, a re ga go ise go nne le bolwetse jo bo kileng jwa ba tlhagela jaaka letshololo kana malaria fa ba phuthaganelang teng.

O ne a supa gape fa lefelo leo le babalesegile ka gore ga go na sepe se se belaetsang mo tikologong eo. ENDS

Source : BOPA

Author : Gaobale Sinyangwe

Location : NATA

Event : Potsolotso

Date : 15 Aug 2018