Sekole sa Matshekge se gatetse pele
15 Aug 2018
Sekole se segolwane sa Matshekge kwa Bobonong se kailwe fa se dira sentle mo metshamekong e tshwana le kgwele ya dinao, mabole, bolo-tloa le e mengwe.
Fa a bua kwa phuthegong ya komiti ya batsadi le barutabana kwa Matshekge bosheng, Mogokgo James Butale o tlhalositse fa sekole seo se dirile bontle kwa dikgaisanong tsa BISA.
O tlhalositse fa sekole seo se gapile maemo a bone e bile gape baithuti bangwe ba kgonne go ikgapela dietsele.
Rre Butale a re ntswa sekole seo se sa balelwe mo dikoleng tse di bidiwang excellence schools jaaka Mogoditshane Senior Secondary School, Matshekge ene o tsweletse ka go bereka ka thata go phadisana le tsone mo metshamekong.
Rre Butale a re le fa go ntse jalo maduo a baithuti ba mophato wa botlhano ga a jese diwelang, ka jalo a supa fa tshwaragano ga reng ga batsadi le barutabana e le yone e e ka tsisang tharabololo gore maduo e nne a a nametsang.
O supile fa maitlamo a bone e le go rotloetsa baithuti gore mo maduong a bone a ditlhatlhobo ba nne le pase dithuto tse tlhano kana go feta.
A re baithuti bangwe ba itumile molomo wa tlase e bile ba solofeditse go dira dintlha tse 48 mo maduong a makgaolakgang.
Fa a ama dikgang tse dingwe, Rre Butale o kaile fa baithuti bangwe ba supa maitshwaro a e seng one mo sekoleng, a tlatsa ka gore e ne ya re bosheng moithuti mongwe a golafatsa morutabana ka go mo itaya mo tlhogong ka setena fa morutabana a ne a leka go mo kgalemela gore a dirisane sentle le baithuti ka ene ka nako ya dijo.
O tlhalositse fa sekole se leka ka thata go lwantsha kgang ya go ima ga baithuti, a supa fa mo ngwageng wa 2016 go nnile le dikgetsi tsa boimana di le masome a mabedi le borobabongwe fa ka 2017 di le lesome le bobedi, mme monongwaga ba setse ba gatisitse di le thataro.
A re go le gantsi baithuti ba imisiwa ke banna ba motse e seng baithuti ka bone.
O tlhalositse fa matlo a boroko jwa barutabana a tlhaela, a tlatsa ka gore mangwe a setse simolotse go tokafadiwa gore a nne mo seemong se se botoka.
Fa a tswa la gagwe, mothusa mogokgo, Mme Bowelo Kesianye o supile fa mo nakong ya gompieno go le thata mo go bone go direla baithuti teko ka motshine o ba o dirisang o senyegile.
Mme Kesianye a re ba tshela ka go kopa go dira meriti le go gatisa mo dikoleng di tshwana sekole se se golwane sa Mmadinare.
A re selo se se ja nako e ntsi ka mosepele wa teng o le moleele.
O ikuetse mo batsading ba bana ba bone ba tsenang sekole kwa Matshekge go thusa sekole ka madi go tokafatsa seemo.
Mongwe wa batsadi, Mme Selogile Mandelo o tlhalositse fa bontsi jwa baithuti bo ima ka malatsi a boitapoloso, ka jalo a gwetlha batsadi go ela metsamao ya bana tlhoko, segolo jang ka nako ya fa dikole di tswetswe. ENDS
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : phuthego ya komiti
Date : 15 Aug 2018



