Mabitla a gomagomediwa ke ditlamorago tse di kotsi
15 Aug 2018
Kgosi Moemedi Selolwane wa kgotla ya Selolwane mo Tutume a re o tshwenngwa ke go bo mabitla a kgotla eo a le mo lotshitshing lwa noka.
Kgosi o supile fa seemo seo se na le ditlamorago tse di sa siamang.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Selolwane o boletse fa go ka tswa go sa nna le go lebela pele ka tse di ka tlhagogang fa go bewa ditsha tsa mabitla bogologolo.
Mabitla a a amegang ke a a itsegeng ka maina a Tjensusu le Dziba la Mathafeni.
Kgosi o boletse fa mabitla a a babalesegileng fela e le a Karana, ka a le kgakala le ditsha tsa bonno le noka.
Kgosi Selolwane o tlhalositse fa noka le tikologo ya yone di na le mefuta ya mmu e bangwe ba kgatlhegelang go e dirisa mo go tsa kago, mme ba sa sitege go epa gaufi le mabitla.
O boletse fa mo makgethong a le mmalwa a kgalemetse bangwe ba a ba fitlhetseng ba dira tshenyo ya go gogola motlhaba le seloko fa lotshitshing lo go beilweng mabitla mo go lone.
A re bangwe ba latlhela matlakala a a akaretsang dikhakha le ditsiri mo mahuting ao, selo se se gomagometsang go kgotlela noka.
Go lebega fa ba ba leswafatsang tikologo ba dira jalo ka dinako tse metsamao ya batho e a bong e fokotsegile, gape ba sa bonwe ka mabitla a sa bapa thata le ditsha tsa bonno.
E ntse e le mo kanokong ya lefelo leo, dipodi tse gantsi di tsamayang di sena badisa di fitlhetswe di fula gaufi le mahuti ao.
Kgosi Selolwane yo ka dithutego a dirileng tsa tepo-loapi, o umakile fa a tshogela gore fa go ka nna le morwalela mo godimo ga tshenyo e e leng teng, noka e ka penologa.
O supile fa seo se ka baka go atologa ga bophara jwa noka.
Kgosi o gateletse gore katologo eo kgabagare e ka baka go gonyega ga mabitla.
Kwa ntle ga seo, kgosi o amile ntlha ya gore mabitla le one a ka kgotlela noka eo, e batho ba dirisang metsi a yone ditiro tse di farologaneng.
Fa a akgela ka ga sekidi sengwe se le sone se leng fa lotshitshing gaufi le borogo mo kgotlaneng ya Nzinda, Kgosi Selolwane o rurifaditse fa mo sekiding seo go le mangwe a mabitla a ntlha a bogologolo.
O rile ka go bo mabitla ao a sena sekao, o kopile ba malwapa a a amegang go a agelela ka legora go tila dikgotlhang le ba ba a ralalang kgotsa ba ba dirang sepe se se sa siamang gaufi le one.
Ka ntlha ya seemo se se sa jeseng diwelang ka mabitla a a mo lotshitshing, Kgosi Selolwane a re o itlamile go simolodisa dipuisano le dikgosi tsa dikgotlana tsa motse wa gagwe mo kgweding eno go tswa ka tharabololo.
Kgosi o boletse fa keletso ya gagwe e le gore morafe o batlelwe setsha se sengwe sa mabitla, fa go katogileng noka, go tlhomamisa tshireletsego ya one. ENDS
Source : BOPA
Author : Tshepo Metsi
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 15 Aug 2018



