Kgosi o kopa tsosoloso ya mephato mo merafeng
15 Aug 2018
Kgosi Simon Nkgageng wa Tatisiding a re nako e gorogile gore Batswana ba lemoge botlhokwa jwa go tsosolosa mephato mo merafeng ya bone.
O dirile kopo e bosheng fa a ne a buisana le BOPA mo potsolotsong.
O tlhalositse fa mephato e ne e le botlhokwa mo matshelong a Batswana, ka jaana e ne e rotloetsa go aga setho se se eletsegang mo bathong.
Kgosi Nkgageng a re mo bogompienong, lefatshe ka bophara le tshwere phage ka mangana mabapi le maitshwaro a a makgaphila.
A re gape mephato e ne e le tsela nngwe e Batswana ba neng ba e dirisa go dira ditiro tsa ditlhabololo ba dira jalo ka mowa wa boithaopo.
Mme ke gone ka moo a neng a tlhalosa gore mo bogompienong, go ditiragalo tse di ngomolang pelo tsa botlhokatsebe.
A re ke ka gore mephato ga e sa tlhole e le teng. Fela mme o ne a re o lebogela merafe ya Bangwaketse le Bakgatla go bo ba santse ba tshegeditse ngwao e ya mephato.
O ne a gatelela botlhokwa jwa mephato.
A re e ne e kopanya merafe go nna seopo sengwe go arogana maele a ba ka a dirisang go ipetlela isago.
“Mephato e ne e kopanya batho ba dingwaga tse di lekanang go ya go rutwa ka matshelo a bone le gore ba ka itshwara jang mo setshabeng, mme e bile gape ba ba nnileng le sebaka sa go tsenelela mophato mongwe, ba abelana dikitso le maele,” a bua jalo.
O ne a kopa gore merafe e ikgate motlhala go tsosolosa mephato.
A re mophato mongwe le mongwe o ne o tewa leina, a a fa sekai ka maina a Malekantwa, Makgasa le Mahetsakgang gareng ga a mangwe.
Kgosi Nkgageng o supile fa go bo lefatshe leno le le kwa mankalenkaleng mo mererong ya ditlhabololo e le ka lebaka la ditiro tse di neng di dirwa ke setshaba ba eteleditse mowa wa boithaopo kwa pele. O tlhalositse fa mowa wa boithaopo o sa tlhole o le teng ka jaana batho ba eteleditse pele go atswiwa. ENDS
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : TATISIDING
Event : Potsolotso
Date : 15 Aug 2018



