Molelekwa o itshetsa ka petlwana
15 Aug 2018
Go tswa goo Lowe, tshimo, podi ga mmogo le kgomo e ne e le tsone pinagare ya botshelo jwa Motswana.
E ne e a re fa ngwana wa mosimane a fatlhoga a rutwe go tsaya kgomo ka motlhala fa mosetsana ene a ne a rutwa ditiro tsa mo gae le masimo.
Go itshela metsi mo ganong ka go itirela ka diatla e ne e le selo se se atileng mo Batswaneng, selo se le gompieno bangwe ba itsegeng e bile ba ipelafatsa ka sone.
Ka jalo e rile bosheng ka letsatsi la ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Moshupa BOPA ya buisana le Rre Boang Molelekwa yo e leng mongwe wa ba ba itshetsang ka petlwana.
Bontsi jwa batsena ditshupo tseo ba ne ba sala ba itshwere molomo o se botlhoko, sentlentle ba ipotsa gore a segologolo se se a bonwa.
E ne e re o tla o lebagane le mokhukhu wa gagwe, o tshologelo ya one e neng e le ya maemo a ntlha, o bo o kgatlhantshiwa ke bokgabane jwa ditilo tsa setso le tafole ya tsone, bontle jwa tsone e le jo bo ntshang bana ba phefo.
E ne ya re fa a bula molomo Rre Molelekwa a re, “Ga go sepe se segolo se ke ka se supegetsang setshaba gore mo dingwageng tse ke ntseng ke le mmetli ke ne ka se fitlhelela.
Se ruri ke seemo se se sa jeseng diwelang le eseng.
Mme le gale ka phiri a rile ga bo se gangwe, ke na le tshepho le tumelo ya gore ka lengwe la matsatsi, bonokopila le botswerere jo ke nang najo mo tirong ya me bo tlaa ntlodisa dinoka le dinokana.”
Rre yo wa sekgantshwane sa petlo wa kgotla ya Kgosing kwa Ranaka, o tlhalositse fa a simolotse tiro ya gagwe ka dingwaga tsa bo 1980 a sena go boela mo gae, morago ga go felelwa ke tiro kwa meepong ya Afrika Borwa.
O tlhalositse fa ka dinako tseo go itshetsa ka ditalante go ne go sa tlwaelesega, dingwe di fitlhegile e bile di ise di tsewe tsia sentle, ka jalo go ne go se motlhofo go ka itirela botshelo jwa sennelaruri ka tiriso ya talente.
A re ene o ne a bona go betla e le gone go siameng ka jaana go ne go sa mo tlhoke dipe tse dintsi ntleng ga legong le petlwana.
A re o ne a tia moko le go feta ka jaana maikaelelo a gagwe a konokono e ne e le go itshetsa ga mmogo le go tsosolosa tiriso ya didirisiwa tsa setso di akaretsa diphetlho,dikika,dikgamelo le tse dingwe.
Mogaka yoo wa petlo a re mo gompienong o itebagantse le go betla ditafole le ditilo tsa dikgole tse di neng di tlwaelesegile ka go dirisiwa ke banna, bogolo jang mo makgotleng le mediro ya Setswana ka go farologana.
A re ditilo tseo di bogadi bo gaufi.
Go betla dikgong le fa go ntse jalo ga se go tsaya petlwana motho a rema legong fela, Rre Molelekwa o tlhalosa fa go tlhoka botsipa jwa go itse ditlhare tse di dirisiwang jaaka mosetlha, mosilabele,motlhware le morukuru.
A re ke ditlhare tse di omang ka bofefo, ka jalo di siametse go betla.
“Ditlhare tse ke tsa boleng jo bo kwa godimo, ka jalo di mpha maduo a a kwa godimo ka ebile di nale mebala e e farologaneng ee kgatlhang leitho.
Tiriso ya ditlhare tse gape e mpha sebaka sa go betla dilwana tse di tsamaelanang le segompieno ntswa di santse di tshegeditse segologolo ga mmogo le ngwao ya ka fa di dirwang ka teng.
Ke di betla ka bokgabane jwa gore di tsamaelane le boleng ga mmogo le ngwao, serodumo sa magosi a rona,” o tsweletse a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo Rre Molelekwa a re ga a jesiwe diwelang ke go bo go sena didirisiwa tsa segompieno tsa go betla selo se a reng se mo ketefaletsa tiro ka jaana a sa kgone maikaelelo a gagwe a go betla dipalo le go ntlafatsa ka fa a ratang ka teng.
A re mme fela o itumelela gore le fa a sa ithutela tiro ya go betla,o e tlhaloganya go tswa le go tsena.
A re le fa tiro ya gagwe e sa mmusetse sepe se se kalo, o nona pelo ka mathe ka jaana Batswana ka bontsi ba setse ba simolotse go mo etela go reka didirwa tsa gagwe, bogolo jang ditilo.
A re bontsi jwa bareki le barotloetsi ba gagwe ba supa fa ba kgatlhegela tiro ya diatla tsa gagwe, e gantsi e supang bokgeleke le bonokopila jo bo sa tlwaelesegang, selo se a kaileng fa se mmaya mo maemong a mantle a go phadisana le bangwe ka ene.
O tlhalositse fa maikaelelo a gagwe e le go kopa dithuso ka lengwe la mananeo a puso ga mmogo le go rekisa kgwebo ya gagwe ka methale e e farologaneng e akaretsa ditshupo, thekiso ya molomo ga mmogo le tiriso ya maranyane.
E rile a wetsa Rre Molelekwa a kgothatsa botlhe ba ba nang le keletso ya go betla, bogolo jang banana go ititaya ka thupana le go nna pelo telele le boineelo ka dinako tsotlhe. ENDS
Source : BOPA
Author : Mphoentle Gopadile
Location : MOSHUPA
Event : Potsolotso
Date : 15 Aug 2018



