Breaking News

Dithubaruba ke boremelelo jwa ditso tsa merafe

14 Aug 2018

Dithubaruba kgotsa Dithejwane jaaka le tlwaelesegile ke seikokotlelo sa ditso tsa lefatshe leno.

Se se builwe ke Dr Seratwa Ntloedibe ka Matlhatso mo loetong lo lo neng le rulagantswe ke barulaganyi ba moletlo wa Dithubaruba wa ngwaga le ngwaga mo Molepolole ba itshwaragantse le mokgatlho wa Y Care Charitable Trust.

Dr Ntloedibe yo e leng mongwe wa bommantswitswidi ba ditso ke mongwe wa ba ba nang le kgatlhego ya go itse ka ditso tsa lefatshe leno le go di ribolola jaaka di ntse.

Jaaka e ne e le mongwe wa ba-tsaya karolo mo loetong lo lwa go bona matlotlo a ditso a Dithubaruba, o boletse fa Dithejwane e ne e le motse mogolo wa

Bakwena le merafe e mengwe ya Batswana jaaka Balete, Bakgatla ba ga Mmanaana, Bakaa, Batlokwa.

O tlhalositse fa merafe eo, e ne e gorogela kwa Dithubaruba go tswa Afrika Borwa ba tshabile dintwa tsa batho-basweu le tsa merafe  e mengwe jaaka tsa Mfecane mme ba batla tshireletso mo go Kgosi Sechele I ka e ne e le mogaka wa nako eo.

E rile a bua mo potsolotsong, Dr Ntloedibe o supile fa lefelo leo, le humile ditso ka jaana lefatshe leno le le se e leng sone ka ditso tse di fitlhelwang koo.

Are dingwao tsa merafe ya lefatsheng leno tse e leng tsone di kgabisitseng ditso tsa lefatshe le, di ka bo di sa nna teng fa e ne e se ketelelo pele e e nonofileng ya ga Kgosi Sechele I yo o neng a tshajwa bobe ke batho-basweu ka jaana a ne a kgonne go fenya ntwa ya maburu mme a sireletsa melelwane ya lefatshe le.

Le fa go ntse jalo, a re se se utlwisang botlhoko ke gore mmuso wa sekoloni o dirile gotlhe mo ba ka go kgonang go ribegetsa ditso, ka jalo ga kwalwa se e seng boammaruri ka ditso tsa lefatshe le.

Dr Ntloedibe a re fa dilo di ne di ka fetolwa, bontsi jwa merafe bo ne bo ka tseela lefelo le kwa godimo ka go itse fa ba thaegile koo.

O supile fa semorafe se ka bo se ne se seyo ka gore tshaba ya Botswana ke tshaba e le nngwefela mme e kgaogantswe ke dintwa tsa Mfecane.

Dr Ntloedibe a re ditso di supa fela sentle gore merafe ya Batswana segolo bogolo mo borwa jwa lefatshe leno ba ne ba kgona go lwela le gone go sireletsa lefatshe la gagabo le jaanong Botswana o mosha a agetsweng mo go lone.

Fa a tswa la gagwe mogolowane go tswa Kgosi Sechele I museum, Rre Power Kawina o tlhalositse fa loeto lwa go ya Dithubaruba lo dirwa ngwaga le ngwaga maikaelelo e le go ruta batho ka lefelo leo le gone go ba supegetsa marope a Bakwena.

A re ba dira jalo ka jaana lefelo le le na le bokao le boleng mo goreng lefatshe la Botswana le nne teng.

Maikaelelo a bone a mangwe ke go tshwaraganya Batswana le go supegetsa batho gore kgaolo ya Kweneng e humile ditso tse di ka fetolelwang kwa bojanaleng jo bo ikamantseng le ditso.

Mongwe wa bagolo ba motse Rre Thuso Dikgaka o gateletse botlhokwa jwa go somarela lefelo le go nna boremelelo jwa bojanala jwa ditso.

Loeto lo, lo ne lo tlhagolela tsela moletlo wa Dithubaruba o o tshwarwang ngwaga le ngwaga.  

Lefelo le, le bonwa kwa ntle ga Molepolole, le le lentle thata ka le dikaganyeditswe ke dithaba.

Go bolelwa fa dithaba tseo di ne di sireletsa batho ba ba neng ba nna koo mo babeng.  

Mo go lone lefelo le, go fitlhelwa marako, ditshilo, masaka le didiba tse batho ba ba neng ba nna koo ba neng ba anwa mo go tsone.

Moletlo wa Dithubaruba o tlaa ipelelwa Ngwanatseele a rogwa.  ENDS

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : moletlo wa Dithubaruba

Date : 14 Aug 2018