Setshaba se kgatlhegela thekiso ya matlalo
14 Aug 2018
Go rekisa matlalo a diphologolo ka palobalo go boletswe fa go naya Batswana sebaka sa go dirisa matlalo go na le gore a senyege fela.
Se se boletswe ke mookamela ofisi ya lephata la makgabisanaga kwa Dutlwe, Rre Bakang Seboko kwa thekisong ka palabalo mo bosheng.
A re setshaba se gakologelwe fa lekgotla le le laolang thekiso ya di-tsa tlholego tse di gomagomediwang ke go nyelela la Convention on International Trade in Endangered Species of wild fauna and flora (CITES) le ba beetse seelo sa matlalo a ba ka a rekisang go ya ka palo ya diphologolo mo lefatsheng.
O tlhalositse fa bagwebi ba ba filweng teseletso ba letlelelwa go reka matlalo a mantsi jaaka fa ba kgona mme batho fela ba letleletswe go reka letlalo le le lengwe mo thekisong nngwe le nngwe.
Rre Seboko a re matlalo a rekisiwang bontsi e le a diphologolo tse di senyetsang batho,
A re bagwebi ba rata matlalo a nkwe le tau ka jaana a na le boleng jo bo fetang jwa a mangwe mme e bile fa o dira mekgabisa ka one go kgatlha leitlho go nale a mangwe.
A re kgwetlho e ba nang le yone ke ya gore motho o kgona go bitsa tlhwatlhwa e e kwa godimo fela mme go tswa fa a tsamae a sa duela.
A re e nngwe ke gore bareki ba a ipua gore ba seka ba paralatsa menwana.
E re ntswa letlalo la lengau le ne le beetswe seelo sa P200, le feletse le rekwa P3 150, ya ba ya nna lone le rekilweng ka madi a mantsi go feta matlalo otlhe.
Matlalo a lengau a ne a le lesome le borataro mme a rekwa otlhe.
Mongwe wa bagwebi ba matlalo Rre Fluten Akanyang, o tlhalositse fa a ne a tsile palabalong go tswa kwa Kobojango.
A re o dirisa matlalo go dira diphate, dibaga le mekgabisa.
O bolela fa lephata la makgabisanaga le ba file lenaneo le le ba itsiseng gore thekiso ka palabalo e tlaa bo e le kae leng.
A re o sale a simolotse go gweba ka matlalo ka 2009 mme thata a batla letlalo la tau, nkwe le dinaka tsa tlholo.
Mogwebi yo o rekile matlalo a lengau a le mane, a letotse a le mabedi, a tau a le mabedi, le le lengwe la tlhware le le lengwe la kgwathe ka jalo ya nna ene a rekileng go gaisa bareki botlhe.
Mogwebi yo mongwe, Montlamedi Ramodisetsi o tlhalositse fa a kgona go rekisa matlalo a sena go a suga kana a dira mekgabisa ka one.
Ene o itheketse matlalo a le mane; e leng a mangau a le mararo le la phiri.
O bolela fa a direla kwa Hukuntsi e bile a sale a simolotse kgwebo ka 2006.
Rre Ramodisetsi o gakolotse ba lephata le go nna ba tshwara matlalo sentle gore e le bagwebi ba kgone go boelwa.
A re ba lephata le ba tshwanetse go nna le baitseanape ba matlalo ka jaana ba ka itse botoka go sireletsa matlalo mo dijing le go a somarela
Go rekisitswe matlalo a le masome a mararo mme le le lengwe la tlhoka moreki. ENDS
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : DUTLWE
Event : thekisong ka palabalo
Date : 14 Aug 2018



