Monana o bona botshelo mo dihutshaneng
14 Aug 2018
Monana wa Ditshukudu mo kgaolong potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Topo Sekgethiso wa dingwaga tse di masome mabedi le bone o tlhalositse fa dipodi di bogadi bo gaofi.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Sekgethiso o ne a tlhalosa fa dipodi di sena dingalo go tlhokomelwa, mme e bile a supa fa di na le mmaraka o o botoka thata.
O tlhalositse fa a sale a nna le lorato mo dipoding a santse a le monnye, a kaya fa le tsone di ne di mo rata mme selo seosa dira gore a felele a nna le kgatlhego mo go di rueng go leka matshelo ka tsone.
Rre Sekgethiso a re morago ga go fetsa sekole, o ne a kopa madi ka lenaneo la banana mme a fiwa P 100 000 ka 2017, a supa fa a ne a reka dipodi di le masome a matlhano le bongwe, mo go tsone di le masome a mane le boferabongwe ele dinamagdi fa di le pedi e le diphoko.
A re o rekile dipodi di santse di dusa mme mo nakong eno di setse di simolotse go tsala, a kaya fa thekiso le yone a setse a e simolotse.
A re maikaelelo a gagwe a matona ke go rekisetsa ba LIMID le la nyelestso lehuma, mme e re le ba ba rekang ka bongwe le bone ba mo etletsa.
A re le fa go ntse jalo, o lebanwe ke kgwetlho ya dibatana segolo jang dihutshane le le akaretsang phokoje le phiri a supileng fa le ba tlhorontsha thata mo kgaolong ya bone.
O bile a supa fa gape podi le yone e tshabelelwa ke malwetse, mme a kaya fa a dirisana thata le bo ralophalo go mo tlhatlhelela thata ka fa a ka laolang malwetsi ao ka teng.
Rre Sekgethiso a re ka e le gone a simololang o santse a lebane le kgwetlho ya tlhaelo ya madi mme a supa fa batsadi ba mo eme nokeng ka jaana ba mo adima madi go ka kopanya fa go tlhaelang teng gore a kgone go fitlhelela toro ya gagwe.
O bile a rotloetsa banana go tsaya temo-thuo ka tlhoafalo ka jaana motho a ka e dirisa go itshetsa ga mmogo le go tlhabolola botshelo jwa gagwe.
A re bontsi jwa banana ba bona go nna kwa masimo e le poelo morago mme a ba rotloetsa go sa tseyeng temo thuo jaaka itloso boduto mme ba e tseye jaaka kgwebo e ka nnang le seabe mo tlhabololong ya lefatshe. ENDS
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : DITSHUKUDU
Event : Potsolotso
Date : 14 Aug 2018



