Banni ba Lobatse ba laela Kgosi Letsholo
14 Aug 2018
Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Woodhall mo Lobatse a re Kgosi Pius Letsholo o mo rutile tiro ya bogosi ka botswapelo.
Kgosi Itumeleng o buile mafoko ao bosheng jaaka gone go tshwerwe moletlo wa tsamaya sentle wa go laela Kgosi Letsholo a tlogela tiro ka bogodi morago ga go direla puso dingwaga tse di masome a mane.
Mothusa kgosi wa Woodhall Kgosi Maleshwane Bakwena o boletse gore maikaelelo magolo a moletlo e ne e le go ipela le Kgosi Letsholo jaaka a diretse puso lebaka la dingwaga tse di leele.
A re bontsi jwa dingwaga o ne a berekela mo toropong ya Lobatse.
O tlogela tiro jaana a ne a direla mo lekgotleng la Woodhall.
O kailwe a ne a dira ka lorato, tshwaragano, boineelo, bopelotelele e bile e le rara wa morafe.
Mothusa mookamela makgotla a Setswana Mme Malebogo Mokotedi o kaile Kgosi Letsholo e le motho yo o neng a ikobile ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka gore o berekile le batho ba ba farologaneng mme ka tshiamo.
Mme Mokotedi a re Kgosi Letsholo ke motho yo o bonolo, yoo sa bueng a tsholeditse lentswe, mme go nne motlhofo gore a go lemotshe phoso, gape a ritibatsa maikutlo ka bokaedi jwa gagwe.
O bolela fa Kgosi Letsholo a ba tlogela mo tirong gore ba tsweledise fa a emeng teng ka matsetseleko jaaka Kgosi a ba rutile.
O boletse fa dingwaga tse di masome a mane tse Kgosi a di berekileng, go ka kwalwa buka ya ditso e e ka dirisiwang mo isagong gore kitso yaga kgosi e sologele sechaba mosola.
A re lephata la merero ya Setswana ba itse kwa Setswana se tswang teng, mme a bolela gore go kwalwa ga ditso go ka thusa go dirisiwa ke dikokomane mo isagong.
A re go botlhokwa gore go kopiwe dikgakololo mo go Kgosi Letsholo go thusa lephata go ya kwa pele, a tlatsa ka gore ke yone nako ya go inaakanya le Kgosi go tsaya botsipa mo go ene.
E rile a bua, Kgosi Letsholo o boletse gore o simolotse go bereka ka go direla Modimo kwa kerekeng ya Roma ka dingwaga tsa 1963- 1976 , mme a thapiwa e le modirelapuso ka 1977 e le mokwaledi wa makgotla a Setswana, a tlatsa ka gore o ne a kgatlhegela thata tiro go ranolela ditsheko tsa Setswana kwa Sekgoeng.
A re o ne a tlhatlosiwa maemo gape ka 1978, a bolela gore go ne go le dikgwetlho go sena dipalamo.
Kgosi Letsholo, a re fa a tsena mo toropong ya Lobatse o diretse kwa kgotleng ya Peleng, kwa a fitlhetseng borukutlhi bo ile magoletsa a re mme a letsa moretlwa, e le nngwe tsela yago rotloetsa go somarela ngwao ya Setswana.
Kgosi Letsholo o boletse gore o tlhabane ntwa e e molemo a itumelela gore o na le maungo a a a tlaa tsweledisang tiro go neela sechaba ditirelo.
Kgosi Letsholo le mohumagadi wa gagwe ba lebogetse dimpho tse ba di filweng ka lorato.
Rre Ellius Rantleru, mongwe wa bagolo, o boletse gore botlhale bo simolola ka lorato, a tlatsa ka gore kgosi o ya go tsweledisa ditiro tse dingwe, mme a mo rotloetsa go tswelela a le bonolo.
Rre Rantleru o kgothaditse gore mongwe le mongwe a tsee boikarabelo jwa go godisa bana botlhe sentle gore e nne bana ba ba siameng, a re lorato ke lone lo godisang bana, a tlatsa ka go re ‘lesope la bagaka ke la ba ba latlhegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Moletlo wa tsamaya sentle
Date : 14 Aug 2018



