Kereke ya UCCSA e agetse leloko
14 Aug 2018
Lefoko la Modimo ga se go rera efangele le go sokolola batho fela, mme le akaretsa go sokolola batho mo seemong sepe fela se ba ka iphitlhelang ba le mo go sone.
Selo se builwe ke modulasetilo wa sinoto ya UCCSA Moruti Gabriel Tsuaneng fa a abela Mme Phaladi Motseothata wa Selokolela ntlo ya dikamore tse pedi ka Labotlhano.
Kereke eo gape e abetse Mme Motseothata wa dingwaga tse di lekgolo le bone yo gape e leng leloko la kereke eo, pompo ya metsi le ntlwana.
Fa a ama phuthego e e neng e le foo ka lefoko, Moruti Tsuaneng a re Jeso Keresete o rutile gore fa motho a bona yo mongwe a tshwerwe ke tlala, a mo fe dijo, fa a sa ikatega a mo apese mme fa a le bokoa a mo oke.
A re go dira jalo motho ke gone go direla Modimo.
Moruti Tsuaneng a re kereke e tshwanetse go dira maikarabelo a go thusa batho ba ba mo lehumeng, a tlatsa ka gore kereke ga e a tshwanela go rolela morwalo mo makghotleng a sepolotiki fela.
O tladitse ka go re kereke e tshwanetse go thusa go sa kgathalesege gore motse ke ofe, o kafa tlase ga boeteledipele jwa lekgotla lefe la sepolotiki.
A re e le kereke ba leba motho mongwe le mongwe a bopilwe mo setshwanong sa Modimo ka jalo ba itse fa ba abo ba direla Modimo ka sebele.
Moruti Tsuaneng o tlhalosa fa ba dira go le gontsi e le kereke mo setshabeng, a tlhalosa fa go gongwe ba dira ba sa laletsa babega-dikgang.
A re lefoko la Modimo le tlhalosa fa ditiro tsa tshiamo tse ba di direlang mo sephiring Modimo o tlaa di ba duelela mo pepeneneng.
Le fa go ntse jalo, Moruti Tsuaneng a re kereke ya gagwe e tsentse letsogo mo ditlhabololong tse dingwe tsa lefatshe leno jaaka thutho le botsogo.
O file sekai gore sekole se segolwane sa Moeding se agilwe ke kereke eo, a tlhalosa fa ebile moruti mongwe wa kereke eo a nale kokelwana ya gagwe.
Moruti Tsuaneng a re le fa go ntse jalo ba raletse dikgwetlho tse di thata mme a supa fa ba nale tsholofelo ya gore ba tlaa di fenya.
A re nngwe ya dikgwetlho tse ba di fentseng ke go agela Mme Motseothata ntlo.
E re dikgang di eme jalo, Moruti Tsuaneng o ne a bula ntlo ya ga Motseothata semmuso a ba a konetelela ka go re ga ba a e agela Motseothata ba e agetse Modimo a ba a lebogela phuthego ya gagwe mowa wa lorato o ba o supileng.
Fa a tswa la gagwe, Moruti Solly Ketshabathupa wa Motswedi (UCCSA), a re e le kereke ba ne ba dumalana go tswa ka setlhogwana se se reng; ‘Tswela Kwa Ntle, Reach Out”.
A re ka setlhogwana se, ba tswela kwa ntle ba gasa efangele.
Moruti Ketshabathupa a re ba netefatsa gore efangele e ba e supa ka ditiro jaaka ba supile ka go agela Mme Motseothata.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya dikago mo kerekeng eo Mme Patience Thapa a re ba simolotse tiro e ka Motsheganong mme ba e fetsa gape ka Seetebosigo a le some.
A re ntlo eo e e lopileng madi a a fetang P60 000 e agilwe ka boithaopo jwa maloko.
Mmaboipelego yo mogolwane kwa Kanye Mme Rose Mokomeng e rile a leboga a rotloetsa kereke go tswelela e supa lorato, a tlatsa ka go re e le ba boipelego ba a leka mme go santse go nale fa ba tlhaelang teng.
Mokhanselara Takane Tautona le ene one a akgolela kereke go bo e supile boutlwelobotlhoko jo bo kalo.
Rre Tautona a re batho ka bontsi ba mo moleng wa go agelwa ke khansele mme a tlhalosa fa kereke eo e imolotse Khansele morwalo.
Rre Tautona gape o gakolotse baagisanyi ba ga Mme Motseothata go mo thusa go tlhokomela dilo tsa ga Motseothata.
E rile a ama phuthego ka lefoko, Rre Tautona a tlhalosa gore tuelo ya bone e tlaa tswa kwa legodimong.
Ya re a ntsha la gagwe Mme Motseothata a re o leboga Modimo go bo o mmabaletse go fitlha gompieno.
A re gape o leboga phuthego ya gagwe go menagane gore e bo e mo diretse dikgakgamatso tse a neng a sa di solofela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mphoyaone Mothibi
Location : SELOKOLELA
Event : kabo ntlo
Date : 14 Aug 2018



