Breaking News

Molefhi o abela komiti ya ditlhabololo ditsompelo

14 Aug 2018

Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba Rre Nonofo Molefhi o abetse komiti ya ditlhabololo ya Botshabelo Bokone didirisiwa tsotlhe tsa go agelela setsha sa bone sa diofisi.
Komiti e, e sale e abetswe setsha seo ka 2007 mme ba ntse ba sena madi a go se tlhabolola.


E rile a ba abela ditsompelo tseo, Rre Molefhi o ne a ba kopa gore ba ele tlhoko gore yoo o thapiwang go dira tiro ya go agelela, o e dira ka botswapelo le ka manontlhotlho go itsa ditshenyegelo le poelo morago.


Rre Molefhi o ne a supa fa se e tshwanetse go nna tshimologo ya tse dintsi jaaka go tswa ka maano a go itirela madi jaaka go lema merogo gore ba kgone go aga diofisi tse ba ka direlang mo go tsone.


Mopalamente Molefhi o ba kopile gore ba kopane le banni ba kgaolo eo go tsenya letsogo gore kago e dirwe mo nakong e e seng kgakala ka se se tla bo se rotloetsa mowa wa go ipelega o Batswana ba itsegang ka one.


Rre Molefhi o ne a supa fa dikomiti tsa ditlhabololo di rwele boikarabelo jwa tlhokomelo ya morafe le ditlhabololo tsa magae mme ba dira jalo ba bereka le bommaboipelego le khansele gore tiro ya go isa ditlamelo kwa setshabeng e nne motlhofo.


O rotloeditse komiti ya ditlhabololo ya Botshabelo Bokone go dira ka natla go netefatsa gore ditiro dingwe ga di direlwe mo malwapeng jaaka go baakanya dikoloi ka seo se ka leswefatsa tikologo le go nna borai mo matshelong a batho.


Mopalamente o ne a supa fa ditsamaiso tsa bogologolo di ne di dira gore tiro ya komiti ya ditlhabolo e nne bokete jaaka, khiriso ya matlo ka gone go sena molao o o di laolang, o ne a supa gore mo nakong ya gompieno melao e dirilwe mo batho ba ka tseelwang dikgato fa ba sa dirafatse ditumalano.


Mokhanselara Gaopalelwe Letsobe o ne a lebogela mpho e e ntshitsweng ke mopalamente a re se se tlaa tiisa ba komiti ya ditlhabololo moko go bona gore ba dira ditlhabololo mo go lone.


Rre Letsobe o ne a supa fa tlhabololo ya lefelo e setse e le mo lenaneong la ditlhabololo la LG1109.


Modulasetilo wa komiti ya Botshabelo Bokone Mme Martha Manabalala le ene  o ne a leboga mopalamente go bo a arabile selelo sa bone, mme a mo solofetsa fa ba tlaa tlhokomela lefelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kabo didirisiwa

Date : 14 Aug 2018