Breaking News

Ipelegeng ya Lehututu e phepafatsa motse

14 Aug 2018

Babereki ba Ipelegeng mo Lehututu mo kgaolong-potlana ya Hukuntsi ba akgoletswe maiteko a go phepafatsa motse.


Kakgolo eo e dirilwe ke mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Lehututu, Rre Moilwa Moilwa mo potsolosong le BOPA bosheng.


Rre Moilwe o tlhalositse gore e sale ngwaga o o simologa, babereki ba Ipelegeng ba dira ka natla go phepafatsa motse ka thuso ya khansele ya Hukuntsi.


O tlhalositse fa khansele e ba thusa ka go ba fa dikhakha tsa matlakala le diatlana tsa itshireletso gore babereki ba bereke ba sireletsegile. A re khansele e tsaya matlakala otlhe a a setsweng ke babereki ba Ipelegeng e ye go a latlhela kwa lehuting la matlakala go itsa seemo sa matlakala a a gasamang mo go ka felelang go nna borai mo bathong le mo diruiweng.


Rre Moilwa o ne a tlatsa ka go re khansele e thapile monni mongwe wa Lehututu go rwala matlakala ka sekotsekara, mme a ye go a latlhela kwa lehuting la matlakala.


A re tirisanyo ya mothapiwa le babereki ba Ipelegeng ke e e nametsang ka motse wa Lehututu o setse o le phepa.


Rre Moilwa o ne a rotloetsa banni go phepafatsa malwapa ka seo se le botlhokwa mo botsogong.


A re le fa ba dira ka thata go phepafatsa motse, ba na le kgwetlho ka jaana ka nako tse dingwe, ba fitlhela malwapa mangwe a sena batho, mme seemo seo se ba paledisa go isa molaetsa.


Rre Moilwa o tlhalositse fa ba lemogile gore bontsi jwa bahirisi ga ba na tirisano mmogo le babereki ba Ipelegeng fa ba le mo letsholong la bone la go phepafatsa motse.


Fa a itebaganya le maduo a Ipelegeng, a re babereki ba kgonne go sinosa ditlhare tse di ka nnang borai mo matshelong a batho ka dirukutlhi di ipitlha mo go tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Eric Raphuti

Location : LEHUTUTU

Event : potsolotso

Date : 14 Aug 2018